Puso e itlama go tsosolosa dikoporase
13 Jul 2025
Fa a bua le banni ba kgaolwana ya Peolwane kwa Gaborone Bonnington North bosheng, Mothusa Tona wa Papadi le Tlhabololo Dikgwebo, Rre Baratiwa Mathoothe, o tlhalositse gore mo dipakeng tsa mathata a itsholelo lefatshe ka bophara, Botswana o ka ikaega ka dikoporase e le mothale wa go kopanela go aga itsholelo le bagwebi ba ba ikemetseng.
Rre Mathoothe o tlhalositse gore dikoporase ke dingwe tse di ka thusang go kabakanya itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo o ne a kgothatsa banni ba Peolwane go inaakanya le tsone.
A re ba ka itlhopela mo mefuteng e e leng teng ya dikoporase, e e nang le seabe mo itsholelong le tokafatso ya matshelo a batho.
Rre Mathoothe o sedimositse gore puso e tlaa dirisa baitseanape go itsa tiriso botlhaswa ya didirisiwa tsa dikoporase segolo bogolo mo go tsa madi.
O ne a tlatsa ka gore puso gape e mo maikaelelong a go sekaseka lenaneo la Chema Chema ka go nna le dipuisano le ba le ba amang segolo bogolo bagwebi ba ba botlana ka jaana dikgakololo tsa bone di le botlhokwa go tlhabolola lenaneo le.
A re morago ga dipuisano le ba ba amegang, Chema Chema e tlaa ribololwa gape.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa mopalamente wa bone, Mme Maipelo Mophuting, go tsibogela dikgang tsa borukutlhi le seemo sa tikologo se se sa itekanelang.
Mothusa modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa kgaolwana ya Peolwane, Mme Selolwane Sechele o ne a kopa Mme Mophuting go ba thusa go lwantsha go leswafadiwa ga tikologo.
Mme Sechele a re banni ba leswafatsa tikologo, mme seo se borai mo setshabeng.
O ne gape a re dintsa ga di tlhokomelwe, e bile di saila mo mebileng.
Mopalamente Mophuting o ne a solofetsa banni gore o tlaa nna a ba lekola, le go dira mo a ka go kgonang gore kgaolo e tlhabologe.
Mme Mophuting a re kgaolo ya Gaborone Bonnington North e na le bokgoni jo bontsi jwa go ka tswelela pele, le go tlhabolola matshelo a banni. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jul 2025




