Breaking News

Modulasetilo o rotloeditse dialogane go ikoketsa dithuto

13 Jul 2025

Dialogane tsa lenaneo la Ipelegeng la tlhabololo dikitso di rotloeditswe go inaakanya le go ikoketsa dithuto.

Modulasetilo wa komiti ya boipelego kwa khanseleng ya Good Hope, Mokhanselara Israel Mosala, o buile mafoko ao kwa moletlong wa kaloso ya baithuti ba le masome a mabedi le bongwe kwa Sheep Farm ka Labone.

Rre Mosala o tlhalositse gore maikaelelo magolo a lenaneo leo ke go fokotsa dipalo tsa batho ba ba berekang lenaneo la Ipelegeng.

Rre Mosala o supile gape gore e re ka jaanong ba ithutile ditiro tsa diatla ka go farologana, go motlhofo gore ba ikopanye, ba itirele khampani e ba tlaa neng ba kopa ditiro ka yone.

 Lenaneo la thuto ya bone le ne le akaretsa go aga matlo a mabedi a barutabana kwa Sheep Farm ka fa tlase ga lekalana la dikago la Construction Industry Trust Fund (CITF).

Fa a tswa la gagwe,  Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope/Mmathethe, Dr Edwin Dikoloti o akgoletse dialogane tseo go nna boineelo mo dithutong, a re ke se se ba kgontshitseng go wetsa dithuto tsa bone.

Dr Dikoloti o tlhalositse fa jaanong ba tlaa kgona go nna le sebaka se sentsi sa go bona ditiro, mme a ba rotloetsa gore ba ikwadise kwa ofising ya mopalamente le kwa khanseleng gore go nne motlhofo gore ba bonwe ke bahiri.

Sekole sa motse se agetswe matlwana a borutelo a le mabedi. 

Tiro eo, e ne e abetswe khampani ya monana wa mme, Lucy Pitso ee bidiwang Ludig Investments.

Mopalamente Dikoloti o solofeditse banni ba motse o, gore e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo, bana ba bone ba feleletse mophato wa bosupa kwa motseng wa bone.

O ba solofeditse gape gore o tlaa ba direla moletlo wa kabo dimpho fa ngwaga o fela.

Mothusa modulasetilo setilo wa khansele ya Good Hope, Rre Matshediso Pitso a re tumelo ke gore jaanong dialogane ke tsone di tlaa simololang go dira ditiro tsa go baakanya dikago tsa dikole mo kgaolong.

E ne e rile go le pele, Kgosi Vincent Dinku wa Sheep Farm, a supa fa a lebogela kago ya matlwana a borutelo.

O tlhalositse gore bana ba motse wa gagwe ba sekole se se botlana ba ntse ba sokola ka jaana ba ne ba tlamega go latela dithuto kwa Ngwatsau, kwa go leng bokgakala jwa dikhilometara di robabongwe.

Kgosi Dinku a re seemo seo se ne se ngomola pelo go bona bana ba mophato wa boraro ba ralala naga mo serameng le dipula gore ba kgone go ya go bona thuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Sheepfarm

Event : Kaloso

Date : 13 Jul 2025