Tshwaragano le lekgotla e botlhokwa
13 Jul 2025
Ba-na-le seabe ba kopilwe go tshwaragana le lekgotla la kabo ditsha gore ba tlhaloganye tsamaiso le melao ya ditirelo tsa lekgotla le.
Ba kopilwe jalo ke modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Shoshong Rre Gotlhe Dikaelo mo dithuto puisanong tsa ba-na-le seabe tse di neng di rulagantswe ke lekgotla leo ka Laboraro.
Rre Dikaelo a re bokopano jo bo botlhokwa ka bo tsisa tshwaragano, ka jalo go tlhokafakala gore ba kopane kgapetsakgapetsa.
A re go bafa sebaka sa go buisana ka dikgang tsa kabo ditsha ba lekodisana gore ba ka isa ditlamelo botoka jang kwa setshabeng.
Rre Dikaelo a re fa bogogi jwa metse bo tlhaloganya ditsamaiso tsa kabo ditsha, ba tlaa kgona go tlhalosetsa merafe ya bone mme se se fedise ketsaetsego.
A re bokopano jo bo fa ba-na-le seabe sebaka sa go buisana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ga mmogo le go amogana maele.
Fa a tlhalosa ka tsamaiso ya kabo ditsha, o kaile fa ba bereka ka go diragatsa molao wa kabo ditsha.
A re ba dira thulaganyo ya go dira moalo wa motse ba bereka le ba khansele le lephata le le dirang mela le go potiela (Surveys and Mapping).
A re thulaganyo e ya go dira mela le go potiela, e tsaya lobaka mo go bakang tiego ya go isa ditirelo ka bofefo kwa setshabeng.
Fa a tlhalosa ka kgang ee ngongoregisang Batswana thata ya tiego ya setlankana se sesha, Rre Dikaelo a re e bakilwe ke gore thulaganyo ya go aba ditsha tse 100 000 e e dirilweng ka bofefo go bo go tlolwa dilo dingwe tsa tsamaiso ya kabo ditsha.
A re go ba buseditse kwa morago go dira dikarolo tse ba neng ba di tlodile, a tlhalosa gore ba ka dirisa se se gologolo ba santse ba letile se sesha.
Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Shoshong Mme Masira Ntoroko, a re tiro ya go aba lefatshe e bokete e tlhoka tshwaragano ya ba-na-le seabe, a re o solofela gore bokopano jo bo tlaa tsisa pharologanyo fa borara bo itse tiro ya kabo ditsha.
Mme Ntoroko a re keletso ya bone ke go bona ba-na-le seabe ba tshwaraganela go thusa Batswana ka ditirelo ba sa kganelwe ka lebaka la go tlhaela kitso.
A re maikaelelo ke go fa ba-na-le seabe kitso ka ditirelo tsa kabo ditsha gore le bone ba thuse go tlhalosetsa morafe ka tsamaiso ya kabo ditsha ba e tlhaloganya.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong o supile fa bokopano jo bo le botlhokwa thata mo go bone e le magosi ka jaana ba na le dikgang tsa dipeo tsa bogologolo go ise go nne le makgotla a kabo ditsha.
Kgosi Kgamane a re dikgang tsa dipeo tsa bogologolo di a tshwenya ka jaana di batla masupi le ntswa bontsi jwa batho ba ba neng ba baya ba sa tlhole ba le teng mo botshelong.
Kgosi Gofaone Khukhwane wa Kodibeleng o ne a lebogela bokopano jo, a supa fa ba ithutile go le gontsi ka dikgang tsa kabo ditsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Thuto puisanyo
Date : 13 Jul 2025