Breaking News

Ba tlhotlhomisa bogodu jwa leruo

10 Jul 2025

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng dikgomo di robabobedi di tlhatlhetswe kwa masimong mangwe kwa Maratswane.

Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi kwa Letlhakeng Superintendent Amos Kekgathetse, a supa fa ba begetswe tiragalo eo ka Mosupologo, e bile dikgomo di le tlhano ke tsa motho a le mongwe, fa tse tharo le tsone mong wa tsone a di lemogile. Supt Kekgathetse o tlhalositse fa ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse masome a mararo le boraro wa kgotla ya Mmopi kwa Lephepe go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

O tsweletse ka gore e ntse e le gone ka Mosupologo, ba ne ba begelwa tiragalo e nngwe kwa merakeng ya Santhoma, ntlheng ya Malwelwe, kwa go fitlhetsweng dinama tsa dikgomo tse pedi, mme ba tshwara monna yo a neng a leka go sia ka koloi ya Honda Fit, fa yo mongwe a ne a le botsa phokoje.

O tsweletse ka go kaya fa tiragalo eo e diragetse ka nako ya borobabobedi bosigo, mme ba tsere dinama tsa dikgomo tseo le matlalo a tsone. Supt Kekgathetse o tlhalositse fa monna wa dingwaga tse masome a mararo le boraro, a iteilwe ka sengwe se se bogale mme a bona dikgobalo tse di masisi mo mmeleng.

A re monna yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole, mme o santse a le lebeletsweng ke ba bongaka. A re tiragalo eo e diragetse bosigo ka nako ya lesome le bongwe kwa maitisong kwa Mantshwabisi, a tlhalosa fa mapodisi ba le mo patlong ya mmelaelwa.

Mo go tse dingwe, o supile fa monna wa dingwaga tse masome a mabedi le boraro wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng, yo ebileng e le molwala tlhaloganyo, a belaelwa a tshubile matlo a le mabedi a Setswana kwa kgotleng eo, nngwe ya matlo ao, a ne a na le dithoto tse di ka lopang P4 450, fa e nngwe e ne e na le dithoto tse di ka lekanang P7 510.

O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse kgwedi ya Phukwi e robabobedi ka nako ya bongwe mo mosong, mme a bolela fa go sena ope yo o gobetseng le gore mmelaelwa  o fitlhetswe gaufi le lefelo la tiragalo eo. Supt Kekgathetse a re mmelaelwa o tshubile matlo a masika a gagwe. A re mmelaelwa  o tlaa isiwa kokelong go tlhatlhobiwa tlhaloganyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 10 Jul 2025