Breaking News

Matlotla a Lobatse a a tshwenya

10 Jul 2025

Banni ba Lobatse ba re dikago dingwe tse di fitlhelwang kwa toropong eo di senya sebopego sa yone, di a e leswafatsa ebile di fetogile bonno jwa magodu.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Lobatse, Rre Kamal Jacobs maabane kwa kgotleng ya Peleng, banni ba re Lobatse ga a sa tlhole a kgatlha leitlho ntatetng ya dikago tsa go nna jalo. Molaodi kwa Lobatse, Rre Mpho Mathe o tlhalositse gore botsamaisi jwa toropo bo bopile komiti e e itebagantseng le go batla beng ba dikago tse go buiwang ka tsone, go buisana nabo mabapi le selebego sa tsone.

O kopile banni go nna pelotelele ka gore bangwe ba bone ba nna kwa ntle ga Botswana, mme go tlaa tsaya lobaka go ba senka. Mopalamente Jacobs e ne o tlhalositse  fa a le mo dipuisanong le bagwebi ba dipolasi tse di dikologileng Lobatse, gore ba abele toropo lefatshe la ditsha tsa bonno.

“Re dumalane le makhanselara gore madi a a abelwang dikgaolo, go baakanngwe ditsela ka one le go tsenya dipone tsa mo mekgwatheng,” Rre Jacobs a tlhalosa, morago ga banni ba sena go ngongorega ka lefifi mo mekgwatheng.

O tlhalositse gore ka puso e bone mmaraka wa nama kwa Angola le China, o dumela fa seo se tlaa ba tswela molemo ka ditiro di tlaa bonala. O ba kopile gore ba nne pelotelele le puso e ntsha ka ba fitlhetse go se na sepe mo letloleng, mme ba santse ba baakanya seemo sa itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jul 2025