Breaking News

The Mares e itsolopantse

09 Jul 2025

Setlhopha sa setshaba sa bomme sa kgwele ya dinao, The Mares, se itomile molomo wa tlase go dira ka natla mo motshamekong wa TotalEnergies CAF Women’s Africa Cup of Nations (WAFCON) kgatlhanong le Nigeria, bosigo jwa gompieno ka nako ya boferabongwe.

The Mares ba latlhegetswe 1-0 mo motshamekong wa bone wa ntlha kgatlhanong le Algeria ka Tshipi.  Seo se ba beile mo maemong a boraro mo Group B, e mo bogompienong Nigeria e itlhomileng kwa setlhoeng sa yone. The Mares ba supile fa ba tlhaloganya botlhokwa jwa go fenya Nigeria, ba supa fa ba sa itumelela tatlhegelo ya bone fa ba ne ba tshameka le Algeria.

Nancy Baeletsi wa The Mares, a re motshameko wa bone le Nigeria o tlhoka gore batshameki ba bo ba itsolopantse gore go seka ga nna le diphoso dipe. A re ba santse ba na le sebaka sa go lwa, gore ba fetele kwa legatong le le latelang la metshameko.

Motshameki yo mongwe, Laone ‘Lotta’ Moloi o supile fa go le botlhokwa gore ba  dirise sebaka sengwe le sengwe se ba se bonang go tsenya ntlha. A re go bo ba latlhegetswe ke motshameko wa ntlha, ga go reye gore go fedile ka The Mares. Moloi a re ba itse fa Batswana ba na le tsholofelo e ntsi mo go bone mme ebile ba na le maikaelelo a go fitlha kwa seka-makgaolakgannyeng. Metshameko e, e tshwaretswe kwa Casablanca, Morocco. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Casablanca, Morocco

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2025