Breaking News

Monna o fitlhetswe a tlhokafetse kwa Tsabong

09 Jul 2025

Monna mongwe wa Tsabong, yo mapodisi ba ntseng ba le mo letsholong la go mmatla morago ga go amogela pego ya gore ga a bonwe o fitlhetswe a tlhokafetse.

Mookamela mapodisi a Tsabong Senior Superintendent Christopher Tlhapi-David o boletse mo potsolotsong le BOPA fa ba ne ba begelwa kgwedi eno e tlhola gane fa go nale mongwe yo o nyeletseng. Senior Superintendent Tlhapi-David o tlhalositse fa mapodisi ba ne ba tsibogela pego eo ba simolola go batla monna yoo.

A re morago go ne ga nna le dipelaelo tsa gore rre yoo o ka tswa a tsamaile le mongwe kwa  Gakhibana, mme a tlatsa ka go supa fa e ne ya re ba tsweletse ka letsholo la go mmatla ba begelwa fa go bonwe motlhala o go belaelwang e le wa gagwe gaufi le motse oo.

O boletse fa mapodisi le batsadi ka tshwaragano le thuso ya sefofane sa tlhoo-tomo sa sepodisi ba ne ba latedisa motlhala oo mme ya re ka letsatsi la Mosupologo mo tshokologong ba fitlhela monna yoo mo sekgweng mme go lebega a sa tlhole a le mo botshelong.

Senior Superintendent Tlhapi-David a re ba ne ba ragosetsa monna yoo, kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. O boletse fa e tlaa re mo bogaufing serepa se romelwe kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka. 

Senior Superintendent Tlhapi-David o ne a supa fa mapodisi ba tshwenngwa ke dikgang tsa go timela ga batho kwa kgaolong ya Tsabong, a tlhalosa fa bontsi jwa nako batho ba go nna jalo ba fitlhelwa ba tlhokafetse ka ntlha ya letsapa le tlala.

O ne a gakolola batsadi le setshaba go gakolola bana gore fa motho a ka iphitlhela a latlhegetswe ke tsela segolo jang mo sekgweng a ikgate motlhala go boela kwa a tswa teng go na le go tswelela le mosepele mme a sa itse kwa a go yang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2025