Breaking News

Bogogi kwa Matlapana bo lebogela ditlhabololo

09 Jul 2025

Kgosi Tshupegetso Bontsibokae wa Matlapana o lebogetse lenaneo la go agela Batswana matlo la Bonno National Housing Programme Target 61 000, le le neng le simolodisiwa ke Tautona Advocate Duma Boko kwa Palapye ka Labobedi.

Ka lenaneo le, go ne ga simolodisiwa kago ya matlo a le 55 kwa Matlapana, mme yone e simolodisiwa semmuso ke Mothusa Tona wa Lephata la Metsi le Bonno, Rre Motsamai Motsamai. Kgosi Bontsibokae, o supile fa matlo ao,a tlaa fetola selebego sa motse o ebile e leng boremelelo jwa bojanala. O supile fa ngogola go ne ga simolodisiwa kago ya matlo a le 45 go ne mo kgaolong ya gagwe.

Kgosi Bontsibokae o solofeditse fa ba tlaa tlhokomela dikago tseo le go tlhomamisa gore ba ba filweng tiro ba e dira ka botswapelo. A re letlhoko la boroko e tlaa nna selo sa maloba mme ebile bangwe beng gae ba tlaa kgona go oba letsogo ka ba tlaa bona diphatla tsa mebereko. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Itumeleng Kelebetseng o lebogile puso go tlhabolola kgaolo. 

“Re lebogela gore matlo a ga a agelwe badirela puso fela mme le ba ba tlhokileng lesego kana ba amogela dituelo tse di kwa tlase ba ka reka matlo,” Rre Kelebetseng a supa, a bo a gwetlha ba ba nang le kgatlhego go ititaya ka thupana.

A re go ngomola pelo go bona motho a fitlhelwa mo tanteng mme a gwetlha batsadi go direla bana ba bone bonno jo bo eletsegang, gore e re motsing ba hularang, bana ba bo ba na le fa ba latsang tlhogo teng. 

Mogolwane yo o tlhokometseng tsa kago go tswa kwa Botswana Housing Corporation, Rre Benjamin Olebile o supile fa kago ya matlo e le nngwe ya boikarabelo jwa koporase go rarabololo letlhoko la boroko mo Batswaneng ka bophara.

A re puso e tsile ka lenaneo le le letlang gore Motswana mongwe le mongwe a seka a salalela morago mme a nne le boroko jo bo mo nayang seriti mme ke so ne se puso e dirileng gore theko le khiriso ya matlo a, e bulelwe mongwe le mongwe le yo o amogelang dituelo tse di kwa tlase tota. O supile gape fa ba dirile gore kago ya matlo a, e akolwe ke dikonteraka tsa beng gae e bile ba lekile bojotlhe go kgaoganya tiro ka dikonteraka tse di tswang kwa Maun le metse e e mabapi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 09 Jul 2025