Breaking News

MVA e kopa borre go nna sekao

08 Jul 2025

Borre ba gwetlhilwe go nna sekai mo setshabeng ka go nna le boikarebelo jwa go dirisa tsela ka fa go tshwanetseng, le go thusa go aga Botswana yo o babalesegileng. 

Moeteledipele wa Motor Vehicle Accident (MVA) Fund, Rre Michael Tlhagwane o buile se bosheng kwa Maun, kwa Pitsong ya Borre mme a ba kopa go ikanoka le go tlhomamisa boitsholo jo bo siameng le pabalesego ya setshaba mo ditseleng. 

Rre Tlhagwane o supile matshwenyego ka matshelo a borre a a latlhegang mo dikotsing tsa tsela, mme go ka bo go ne go sa nna jalo, a kaya fa lefatshe le latlhegelwa ke batho ba ba kabong ba le direla le ba ba neng ba ka tsoga e le baeteledipele.  A re batho ba le 346 ba tlhokafetse mo dikotsing tsa tsela ngogola mme mo palong e, ba le 271 e le borre.  Se, a re ke tatlhegelo e kgolo mo malwapeng le mo setshabeng. 

Rre Tlhagwane a re diemo tse, di tlhoka gore setshaba se bereke mmogo go di hema, a bo a kaya fa pitso e, e se go tla go bua fela, mme e le go tswa ka maano a go boloka matshelo. A re bokopono jo, bo tlaa tlhalosa sesha, gore fa gotwe rre mo Botswana go tewa motho yo o ntse jang, gore ga go tewe motho yo o kgopakgopetsanang le botshelo, go tewa motho yo o babalelang botshelo jwa gagwe le jwa ba bangwe. 

O supile fa dikotsi tsa tsela di ama itsholelo ya metse le malwapa ebile di imetsa ba ba salang boikarabelo jwa go sala ba tlhokometse malwapa. Rre Tlhagwane a re ngogola, MVA e ne ya dira ditshekatsheko (survey) ka go dirisa tsela mo go lolameng mme ga senoga gore borre ke bone ba go nang le kgonagalo ya go sa obamela melao ya tsela. 

A re tumelo le yone ke nngwe ya dilo tse di tlhotlheletsang go sa dira se se tshwanetseng mo tseleng, ka bangwe ba dumela gore rre ke motho yo o dirang dilo ka mashetla. O tlhalositse gape gore go dumela gore go nna segatlhamela masisi go supa bonna, go kotsi, a bo a tlhalosa fa ipabalelo tseleng, e sa reye puso fela, e raya botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Maun

Event : Pitso

Date : 08 Jul 2025