Breaking News

Bagwebi ba ba botlana ba lebogetse mabelo a Nkashi

08 Jul 2025

Bagwebi ba ba botlana ba lebogetse mabelo a mokoro a Nkashi Classic, a a neng a tshwaretswe kwa Seronga ka Matlhatso ka ba re ba kgonne go oba letsogo.

Mo potsolotsong, mongwe wa bagwebi Mme Puo Tshotlo, o tlhalositse fa ba ne ba rekisa dijo tsa setso e le tsela ya go kokoanya madi a kago ya kereke ya bone, ka jalo a re o lebogela mabelo ao ka ba kgonne go dira dipoelo. 

Mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Kebuang Montsho, e ne o lebogela go bo mabelo a Nkashi Classic a tshwaretswe kwa Seronga gape morago ga ngwaga tse pedi a le kwa Maun. Mme Montsho o supile fa a itumetse thata ka dipoelo tsa ngwaga ono di gaisa tsa dingwaga tse di fetileng. 

Mme Boago Thomamo ene a re e re ntswa a sa tsaya seetsele ka a ne a tsere karolo mo dikgaisanong tseo, o leboga thata ka a kgonne go rekisa mo go nametsang. Mme Olebogile Sefo le ene o supile fa itumeletse dipoelo le ntswa a gorogile thari kwa mabelong ao.

Mabelo Nkashi Classic a tshwarwa ngwaga le ngwaga a rulagantswe ke mokgatlho wa Nkashi Trust e le tsela ya go somarela le go tumisa ngwao ya tiriso ya mokoro, le ngwao ka kakaretso e e fitlhelwang bogolo thata mo metseng e e mo tikologong ya noka ya Okavango. Dikgaisano tseo di ne di tseneletswe ke basha le bagolo go tswa metseng e e farologanyeng, mme mofenyi wa ntlha o ne a ikgapela P10 000, wa bobedi P5 000 fa wa boraro a ne a tsaya P2 500. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Seronga

Event : Potsolotso

Date : 08 Jul 2025