Breaking News

Bogodu jwa leruo bo a tshwenya - modulasetilo

07 Jul 2025

Modulasetilo wa mokgatlho wa barui wa Future Genetics Rre Rex Mothobi, a re magodu a leruo a gaketse mo a latelang barui kwa malwapeng.

O ne a bua kwa ditshupong tsa ngwaga le ngwaga tsa temo-thuo gammogo le thekiso ya leruo ka palabalo kwa polaseng ya ga Rre Palo Mokwena gaufi le Kgagodi. Rre Mothobi a re ba tlhokomela leruo ba dirisa madi a mantsi mme kwa phelelong magodu a leruo ke one a robang mo go se ba se ikokoanyetsang. A re go a tshwenya ka magodu ka bontsi a ntshiwa go letela tsheko ba le kwa ntle ba bo ba utswa gape mme go tsaya lobaka ba sa sekisiwe.

Rre Mothobi a re seemo se se kgobile bontsi marapo mo ba phuagantseng thuo. A re bontsi jwa magodu ba rekisetsa barekisi ba nama fa bangwe ba di utswela go di ja kwa malwapeng. Mo go tse dingwe, o ne a kopa puso gore fa barui ba tswa go reka leruo kwa mafatsheng a sele ba seka ba lopiwa makgetho kwa melelwaneng.

Rre Mothobi o galala dipalo tsa dihutshane mo lefatsheng leno, ka jalo o ne a kopa gore go emisiwe dituelo tse di lopiwang mo go ba ba tswang go reka kwa ntle gore ba kgone go atisa letsomane la Botswana.  A re le fa go ne go le leuba ngogola e bile diruiwa dingwe di sule, ga ba a ka ba ipona tsapa go dira ditshupo.  A re ba ikiteile ka thupa gore ba tswelele ka go dira ditshupo.

Mogolwane wa lekalana la sepodisi le le itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo, Senior Superintendent Lesole Mosimane, ene o ne a bolela fa mapodisi ba tshwaragane le bothata jo bo golelang pele jwa bogodu jwa leruo. A re seemo sa bogodu jwa leruo se tsere phekelo e sele ka banana ka bontsi ba simolola go utswa leruo fa ba fetsa sekole.

A re letsatsi le letsatsi leruo le a utswiwa mo masakeng, mme se se rotloediwa ke gore fa e sale leruo le ntshiwa mo motseng le isiwa kwa masimo le kwa merakeng, barui ba a le tlhatlhela ba bo ba boela kwa motseng. A re mo ngwageng o go simolola ka Firikgong go fitlha ka Moranang, dikgang tsa bogodu jwa leruo di nnile 1 513 mme mo dipalong tse, dikgomo di ne di le 542, dipodi di le 735, di bo di latelelwa ke ditonki di le 236.

A re ba itemogetse fa ba marekisetso a nama e le bone ba amogelang dinama tsa bogodu mme mo ditlhotlhomisong tsa bone ba feletse ba kgona go tswala marekisetso mangwe. Senior Superintendent Mosimane o ne a kopa barui go tshwaragana le mapodisi go lwantsha bogodu jwa leruo.  A re mapodisi ba setse ba ikopantse le barui gore go nne le dikomiti tse di itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo mo merakeng.

Senior Superintendent Mosimane a re ba kopane le ba dikereke go rapedisa seemo se, e bile gape ba kopane le dingaka tsa Setswana go ba thusa ka go ba neela motlhala wa gore leruo le tsene fa kae ka bangwe ba baruti le dingaka ba kgona go ba leletsa ba ba fa motlhala fa dirukutlhi tseo ba kopile thuso mo go bone. O ne a kopa barui go isa dikgang tsa bone kwa sepodising go na le go itseela molao mo diatleng.

A re mo maitekong a, ba sepodisi a go lwantsha bogodu jwa leruo, go na le thulaganyo e ba e dirang ya gore mapodisi ba tsamae mo merakeng mme mo malatsing ano seemo se tokafetse thata. O ne a supa fa go ne go na le bothatha jwa leruo le le tsenngwang le bo le ntshiwa ka bokukuntshwane kwa melelwaneng ya lefatshe leno, mme seemo seo se ne sa fokotsega fa ba sena go dira mephato.

A re e tlaare mo bogaufing go tle ba ba rutuntshang mephato e e itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo go ba rutuntsha. Senior Superintendent Mosimane o ne a tsibosa ba ba nang le badisa a supa fa ba tshwanetse ba nne ba ba itsise gore tiro e ba e dirang e botlhokwa thata mme ba tshwanetse gore ba e tshware ka matsetseleko. 

A re mo dinakong tse dingwe fa ba tlhotlhomisa, bangwe ba badisa ba kgona go amega, a supa fa bangwe ba badisa ba nna mo majalweng ntswa ba tshepilwe go tlhokomela leruo. O ne a ikuela mo go ba ba titielang majalwa a setso kwa merakeng le masimo go emisa go dira jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Ditshupo

Date : 07 Jul 2025