Ba lephata la pereko ba diragaditse tsholofetso
07 Jul 2025
E rile ka Laboraro ba Lephata la Pereko go tswa Gaborone ba etela polasi ya Banayana Farms go ya go reetsa matshwenyego a babereki ba dipolasi tseo gammogo le go ba tlhatlhelela ka melawana e e amanang le tsa pereko.
Bokopano jo, bo ne bo tshwerwe ke botsamaisi jwa kgaolo kwa nngweng ya dipolasi tseo, e e tsamaisiwang ke khampani ya Steelbase. Se se tla morago ga gore Tona wa Ofisi ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa, gammogo le boeteledipele jwa Kgaolo ba buise phuthego ya kgotla kwa Mabule bosheng, kwa banni ba ngongoregileng thata ka fa bana ba bone ba tshwarwang ka teng kwa dingweng tsa dipolasi tsa kwa Banyana Farms. Mo phuthegong eo, banni ba ne ba solofetswa fa lekoko go tswa lephateng la pereko le tlaa ba etela go tla go utlwa matshwenyego a bone.
Mme Martha Kgalalelo, go tswa kwa lephateng la pereko o tlhaloseditse babereki bao gore molao ga o letle gore mmereki a kgaolelwe madi segolo jang go sa buiwa le ene. O supile fa molao o letlelela gore mhiri le mhiriwa ba ka dumalana fela ka molomo ka tsa pereko go sa kwalwa gope, mme tsholofelo ke gore ditumalano di salwe morago.
Mme Kgalalelo o tsweletse ka go ruta babereki bao ka ditshwanelo tsa bone mo tirong, le gore ba ka bona thuso kae fa ba sa utlwane le mohiri wa bone. O ba boleletse gore ke tshwanelo ya bone go fiwa diaparo tsa itshireletso tsa mmereko, segolo thata ka bangwe ba bone ba berekela fa leroleng le le ntsi.
Go le pele, fa ba ala kgang ya bone babereki ba dipolasi tsa Banyana ba supile fa bangwe ba bahiri ba bone ba sa ba tsee sentle. Ba supile fa kgokgontsho e ba iphitlhelang ba le mo go yone e ngomola pelo. Mongwe wa babereki kwa dipolasing tseo, Rre Thabang Moalosi go tswa kwa Lorolwane o boleletse phuthego eo gore ga ba letlelelwe go nna le dintsa, dikoko, dipitse kana ditonki mo polasing.
“Fa o tla ka pitse kana kara ya ditonki, o kgaolelwa madi aa kanang ka makgolo a matlhano a dipula fa koko le ntsa tsone e le makgolo a mabedi,” Rre Moalosi a supa jalo.
Ba supile gape gore dingwe dipolasi di nna fela di lotletswe, le fa mmereki a lwala ga a isiwe bookelong. Rre Kabo Kemotlhope a re bagolwane ba bone ba ba tswang kwa lefatsheng la Zimbabwe ba ba bolelela gore fa ba lwala ba ikise kokelong mme e bile fa ba tlola terata ya polasi ba tsamaele ruri.
“Re kobiwa fela motlhofo mo tirong ka gore le tsone ditumalano tsa mhiri le mhiriwa ga rena tsone,” ga bua Rre Kemotlhope.
Fa a bua mo boemong jwa mohiri kwa nngweng ya dipolasi e e tsamaisiwang ke khampani ya Steelbase Rre Dipono Maoto o latofaditse fa bontsi jwa dikgang tse di tswang mo babereking e se nnete. O supile fa ba tshwenngwa ke bogodu mo polasing, mme go lebega bo dirwa ke babereki, a re ke ka moo ba felelang ba lotlela dikgoro tsa polasi. A re babereki bao ba etelwa ke ditsala tse dintsi mo tirong, selo se a reng ga se ka fa molaong ka gore fa ditsala tseo di bowa, ba tsamae ka dithoto tsa polasi.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Mabule/ Sekhutlane Rre Orebotse Ramokgajane, o supile fa nako e gorogile ya gore baeteledipele ba kgaolo ba kopane le bahiri ba dipolasi tse di gatakang ditshwanelo tsa batho gore seemo seo se baakanngwe. A re ga go ka fa molaong gore batho ba idiwe go bona ba bongaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Banyana Farms
Event : Bokopano
Date : 07 Jul 2025