Breaking News

Kgosi o kopa tshekatsheko ya ditshwanelo tsa magosi

07 Jul 2025

Kgosi Thapelo Same wa kgotla ya Lodubeng kwa Kanye, a re tiro ya bogosi e sekasekelwe melao le ditshwanelo tsa bodiredi fela jaaka badiredi ba bangwe ba puso.

Kgosi Sane o ntshitse mogopolo oo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Kanye Bophirima, Rre Victor Phologolo bosheng. A re seemo sa bodiredi jwa bone ga se ba fe seriti mo setshabeng ka jaana go na le bangwe ba ba sa ba tseweng jaaka badirela puso.

O ne a tlhalosa fa go sena lenaneo lepe le le thusang ka kadimo ya madi, le fa e le tuelo ya kgwedi le kgwedi morago ga go tlogela tiro ka bogodi. Kgosi Sane o kopile Rre Phologolo go fetisetsa selelo seo kwa palamenteng e e tlaa bong e itebagantse le go dirwa ga melao mo kgweding eno.

Mo go tse dingwe, Kgosi Sane o ne a re dikgang di tshwana le tsa kgokgontsho ya bong di sekasekelwe melao gore go seka ga gagamadiwa setoropo fela go sa elwa tlhoko gore go dirwa ditsetlana tsa go epolola kgang go tswa kwa moding. 

O ne a supa matshwenyego  mabapi le go tsiboga ga ba ofisi ya boipelego fa go tla mo kgokgontshong le tiriso ya bana botlhaswa, a re ba maoto a tshupa mo fa gongwe ditiragalo di ipoeletsang  ba ise ba tsiboge. Kgosi o ne a kopa ba ba maleba go itlola. Go sale foo, morafe o ne wa ngongorega ka bogodu mo Lodubeng le gore matlo mangwe a puso a a sa dirisiweng e bile a se mo seemong sa go ka dirisiwa, a oka bogodu. 

Mme Linda Lekgowe go tswa kwa lephateng la makgotla a Setswana  o ne a iteela kobo moroko dingongora tsa morafe ka bogodu kwa Lodubeng, a supa fa dilwana tsa badirelapuso kwa kgaolwaneng eo di sa sireletsega. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa mangwe a matlo ao a bonetswe madi go ka baakanngwa, a tlatsa ka go re go na le komiti e e tlhamilweng go tlhokomela gore matlo ao a tsenngwa mo tirisong BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Jul 2025