Breaking News

Rutang bana Setswana - Malope

07 Jul 2025

Kgosi Malope II wa Bangwaketse, o tlhabile mokgosi kwa batsading gore ba rute bana puo ya Setswana kwa malwapeng fa ba sa le ba botlana.

O kopile se ka letsatsi la mogwanto wa ga Kgosi Malope II le bana o o neng o rulagantswe ke ba komiti ya Ga Mma Leema ya ngwao kwa Kanye ka Labotlhano. Kgosi a re mo malatsing a gompieno, bana ba bua puo ya sekgowa kwa dikoleng le kwa malwapeng segolo jang ba ba tsenang dikole tse di ikemetseng.

Kgosi o supile matshwenyego a kwelo tlase ya puo ya Setswana, a ba a rotloetsa gore kwa malwapeng bana ba rutwe Setswana boemong jwa go bua sekgowa. Kgosi Malope o ne a iteela legofi maiteko a sekole se se ikemetseng sa Kidz Academy International mo go supeng maitlamo a bone a go ruta puo le ngwao ya Setswana kwa sekoleng sa bone mme a rotloetsa le bangwe ka bone go tsaya malebela.

Mogwanto o ne o tshologetswe ke bana ba dikole go tswa Kanye le metse e e mo tikologong. Mogwanto oo wa 6.3km, o o neng o eteletswe pele ke Kgosi  le Mohumagadi Masetsebi le bangwe ba barotloetsi, o ne wa sedimosetsa baithuti ka mafelo mangwe a a tshwereng ditso tsa GaNgwaketse jaaka kgotlakgolo, sefikantswe sa ga Kgosi Bathoen II, difalana tsa thobo le mabitla kwa Mmalekwa.

Se e ne e le go supa maiteko a komiti ya GaMmaLeema e e ikemiseditseng go rotloetsa le go rutuntsha bana ka puo ya Setswana, ngwao le ditso tse di bonwang mo GaNgwaketse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Mogwanto

Date : 07 Jul 2025