Komiti e tlaa tsisa tharabololo
07 Jul 2025
Tona wa lephata la Dipagamo le Dikago, Rre Noah Salakae, a re o tlhomile khuduthamaga e ntsha ya Botswana Railways (BR) ka maikaelelo a go tsisa phetogo le maduo a nametsang.
Rre Salakae o buile jalo kwa phuthegong le babereki ba khampani ya Botswana Railways kwa Mahalapye ka Labotlhano. Tona o boletse fa bokopano jo e le go tsibogela matshwenyego a babereki le ka fa go sa tsamaiseweng khampani sentle mo go supilweng ke babereki le lekalana la babereki la Botswana Transport Union BR Enterprises le ba-na-le seabe ka kakaretso.
A re maikaelelo ke go tsibogela seemo le go somarela bokamoso jwa khampani. Tona Salakae a re o tlhomile khuduthamaga kgwedi ya Motsheganong ngwaga ono, mme a tlhalosa fa e setse e simolotse tiro go tsibogela diemo le tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa. Rre Salakae a re maikaelelo a lephata la gagwe ke go tsosolosa le go baakanya khampani ya BR ka bogogi jo bo dirang dilo sentle bo direla mo pontsheng. A re ba ikaelela go tsosolosa itsholelo ya khampani.
O ne a leboga babereki go bo ba tsweletse ba bereka ka natla le ntswa go na le dikgwetlho mo tirong. Rre Salakae a re babereki ba botlhokwa, ka ke bone motheo wa khampani, ka jalo ba tlhoka tlhaloso e e lolameng, tlotlo le lefelo la tiro le le ba amogelang. Tona Salakae a re o itlamile go bereka mo go tseneletseng le lekgotla la babereki, khuduthamaga le bogogi jwa khampani go netefatsa gore le ntswe la babereki le ba-na-le seabe le tsaya karolo mo go bopeng bokamoso jwa khampani ya Botswana Railways.
A re nako eno, ga se ya go supana ka menwana, ke ya go tshwaragana go isa khampani kwa pele, a re ba seka ba kgoreletswa ke kgaogano e e ntseng e le teng mme ba lebe kwa pele. Rre Salakae a re o itlama go netefatsa gore dilo di direlwa mo pontsheng ka tshwaragano ya babereki, bogogi le khuduthamaga. O tsweletse a re o na le tsholofelo ya gore khampani ya Botswana Railways e tlaa boela mo seemong mo nakong e e sa fediseng pelo.
Khuduthamaga e ntsha ya Botswana Railways e eteletswe pele ke Rre Plato Gaoboi a thusiwa ke Mme Kgomotso Hargraves. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khuduthamaga, Rre Gaoboi a re maikaelelo ke go aga khampani ya Botswana Railways go e busetsa mo seemong.
Rre Gaoboi a re fa ba fitlhelang tshokamo teng, ba tlaa baakanya. A re ba setse ba simolotse tiro, mme maikaelelo a bone ke go sala tsamaiso morago go diragatsa thomo sentle. Rre Gaoboi a re ba filwe sebaka sa kgwedi tse thataro go ntsha maduo, mme a tlhalosa gore bone ba ipeetse tse tharo.
Mme Hargraves o ne a kopa babereki gore ba nne le tsholofelo ya gore khampani e simolola go boela mo maemong a eletsegang. A re ke nako ya go baakanya diemo tsotlhe tse di ntseng di ba tshwenya.
Mongwe wa badiri, Rre Moremi Moremi o ne a kopa Tona gore go dirisiwe diterena go rwala dithoto, a tlhalosa fa go ka tsosolosa itsholelo ya khampani. Babereki ba ne ba lela ka dikokeletso tsa dikamogelo ba tlhalosa fa ba na le dingwaga ba sa okeletswe dituelo. ENDS
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 07 Jul 2025