Breaking News

Kgaolo e tlhoka P48m wa ditlhabololo

07 Jul 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, Dr Kesitegile Gobotswang a re kgaolo ya gagwe e tlhoka P48 million wa ditlhabololo.

O tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla kwa Moshopha bosheng, a re puso e lebaganye le dikgwetlho ka go na le tlhaelo ya madi go itebanganya le ditlhabololo tse. A re le madi a P10 million a lenaneo la Constituency Community Projects ga a lekane, ka jalo go le botlhokwa go dirisa madi ka tshomarelo.

“Re tshwanetse go dira ditiro tse di tlang pele e bile di le botlhokwa mo setshabeng. Ga re mo letlepung,” ga bua mopalamente.

Dr Gobotswang o tsweletse a supa fa a tshwentswe ke go thubega ga mealo ya metsi mo kgaolong ya gagwe, mo go feletsang go ama go nna teng ga one.

“Go na le dikgaolo tse di tshabelelwang ke mathata a, mme go a tshwenya ka go thubega mealo e mesha,” a tlhalosa jalo, e bile a kopa ba lephata la metsi go tsibogela seemo se.

Fa a bua ka molao motheo wa lefatshe la Botswana, Dr Gobotswang o kaile fa o siilwe ke nako.

“Rona re le mo Tswapong, e bile re le Batswapong, re batla Kgosi Kgolo ya Batswapong. Re batla tshwanelo ya rona ya go nna le Kgosi Kgolo.” 

A tlatsa ka gore go tlhoka Kgosi Kgolo dingwaga di le masome a matlhano le borobabobedi (58) ke nako e e telele. A re lefatshe le tshwanetse go gatela pele ka go baakanya diemo tse, ka jaana di ama merafe e mengwe mo Botswana jaaka Bakalaka le Basarwa.

Fa ba tswa la bone, morafe o supile fa tiego ya go abelwa ditsha e le nngwe ya matshwenyego a matona mo motseng. Ba re ba setse ba kile ba supegetsa lephata la kabo ditsha kwa lefatshe le ka bonalang teng, mme go dingwaga lephata le sa bue sepe. Ntswa le fa go le jalo, lephata la kabo ditsha la Sefhare le supile fa moalo wa ditsha tsa Moshopha o setse o dirilwe, mme ba emetse go letlelelwa go baa ditsha e bile ba bolela fa ditsha tsa bonno tse di tlaa bewang di le 864. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Moshopha

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Jul 2025