Breaking News

Ditswatemong di ka tlhama ditiro

07 Jul 2025

Banni ba Tswapong Borwa ba rotloeditswe go dirisa ditswatemong  go dira dijo, selo se se ka fokotsang letlhoko la ditiro le le amileng lefatshe leno.

Ke ka moo e tlaa reng ngwaga o o tlang o ya fifing go bo go setse go dirilwe ditekeletso tsa go dira jeme  le matute  ka marotse le magapu a kgaolo eo e tumileng ka one.  Mopalamente wa kgaolo eo, Dr Kesitegile Gobotswang o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Machaneng bosheng, a supa fa letlhoko la ditiro le gogela Botswana le Batswana mo diemong tse di sa nnang sentle, ebile le yone tshireletsego ya setshaba e ka amega.

“Ga re kake ra nna le bana ba rona mo malapeng ba tshotshe ditlankana tsa thuto mme ba sa bereke. A re akanyeng gore ditiro di ka tswa fa kae.”

A re o dumela gore temo le thuo ke yone e ka namolang banni ba Machaneng mo letlhokong la ditiro, ka e tumile ka seo.

“Marotse le magapu a senyegela mo ditshimong tsa lona, mme ke nako ya go a dirisa go dira jeme le matute re rekise,” a tshwaela, a tlatsa ka gore makalana a tshwana le BUAN, BITRI, NAFTEC le Kgetsi ya Tsie a ka thusa mo ditekeletsong tse.

Dr Gobotswang o tsweletse ka go supa gore noka ya Limpopo le yone e ka thusa mo go tlhameng ditiro le go dirisiwa go tlhabolola temo thuo ya kgaolo ya Tswapong Borwa. O rotloeditse baeteledipele ba bangwe kwa Tswapong Borwa go bua ka tiriso ya noka ya Limpopo gongwe le gongwe fa ba bonang sebaka sa go buisa matshwititshwiti a batho teng. Mopalamente o tlhalositse fa madi a kgaolo a ditlhabololo a P10million a dule, mme o dumalane le baeteledipele ba bangwe gore bontsi jwa madi a teng a isiwe ko dikoleng go ntshafatsa dikago tsa borutelo le mantlwana a boiteketso.

“Diemo tsa dikole tsa kgaolo ya rona di maswe, ntswa madi a le mannye, re bone go tshwanela go potlakela dikole go baakanya fa re kgonang teng,” a rialo.

Fa a tshwaela ka ditsha, o ne a re peo ya ditsha e santse e tshwenya, mme a re se, se dirwa ke gore lephata la kabo ditsha ga le na ditsompelo tse di tsetlameng go dira tiro e.

“Nna kakanyo ya me ke gore lephata la kabo ditsha le fiwe ditirelo fela tsotlhe tse di amang kabo ya ditsha. Mo bo gompienong, go maphata a mantsi a a tshwereng tiro e, mme jaanong pitsa e ka apewa ke batho ba le bantsi ya siama jang tota,” a rialo mopalamente.

A supa fa dikokelwana di boetse kwa lephateng la dikgaolo, mme se, e le tshutiso e e lebosegang, ebile e le tsholofelo e le gore seemo sa dikokelwana se ta tokafala. Dr Gobotswang o supile fa a tlaa sutisa kwa palamenteng gore go baakanngwe dituelo tsa mapalamente, makhanselara a a itlhophetsweng, tautona le motsamaisa dipuisano tsa palamente gore ba seka ba tsaya dituelo tsa dikgaolo ka sena dikgaolo.

Banni ba ne ba kopa mopalamente go rotloetsa batlhatlhobi ba dijo go diga ditlhwatlhwa tsa bone ka ba na le keletso ya go tsena mo dikgwebong tsa go dira ba bo ba rekisa dijo. Ba kopa gore ditlhwatlhwa tse go rekiwang magapu le marotse a bone di lebelelwe ka tsholofelo ya gore di okediwe gore ba kgone go bona letseno le le botokanyana. Fa a amogela mopalamente  Kgosi Tebogo Magamusi o supile fa ba na le ditsheko tse dintsi mme di kgorelediwa ke letlhoko la koloi go fediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Machaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Jul 2025