Breaking News

Ba Masunga ba kopa sekole sa bobedi

07 Jul 2025

Morafe wa Masunga kwa Bokone Botlhaba o kopile gore o agelwe sekole se sebotlana sa bobedi.

Ba re se se leng teng se fekeediwa ke palo ya baithuti. Mo tekodisong ya gagwe ka botsogo jwa motse, mo phuthegong ya kgotla kgwedi eno e tlhola malatsi a mararo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Patricia Khibile o boletse fa nako e gorogile ya gore Masunga a nne le sekole se sengwe, a re se se leng teng se imelwa ke go gola ga dipalo tsa baithuti ngwaga le ngwaga.

O bile a supa fa mosuke o o kwa godimo kwa sekoleng seo, o setse o baka gore bana bangwe ba Masunga ba tlhaelwe ke diphatlha, ka jalo go bo go tlama gore ba ye go tsena kwa dikoleng tsa metse e e mababi mme seo se babalele batsadi, ka letlhoko la dipalamo go ya koo.

Go ntse go le foo, Mme Khibile o ne a kopa gore motse wa bone o okelediwe dipalo tsa badiri ba Ipelegeng, a re motse oo jaaka motse mogolo wa kgaolo, o tshologelwa ke palo e ntsi ya batho, ba le bone ba tlang ba oketsa palo ya batho ba ba ikaegileng ka lenaneo leo. A re palo e ba e filweng ya lekgolo le boferabongwe ga e kgone go amogela bontsi jwa batho ba ba eletsang go ikwadisa mo kgweding, a supa fa bontsi jwa batho bo kgona go nna dikgwedi di ka tshwara bone ba sa theogele.

Mme khibile o ne a supa botlhokwa jwa gore go nne le setima molelo mo Masunga gore se nne se tsibogela tlhagogo ya melelo mo kgaolong, a re go ikaega ka sa Francistown ga go tswele banni mosola ka jaana go le gantsi se goroga se fitlhela maloba e le maabane. O bile a kopa gore go tlhongwe dipone tsa mo mekgwatheng mo dintlheng dingwe tsa motse.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, Kgosi Maruje III Thabo Masunga wa Masunga le ene o ne a gatelala botlhokwa jwa gore maphata mangwe a puso a a santseng a thusa kgaolo a le kwa Francistown, a fudugele kwa kgaolong go tlamela setshaba sa kgaolo segautshwane.

Kgosi Maruje a re nako e gorogile ya gore Botswana Television e nne le lekalana le le tlaa bong le itebantse le dikgaolo tsa Bokone Botlhaba le Tutume, a bo a supa botlhokwa jwa gore e okelediwe dintsompelo le bodiredi gore e kgone go fitlhelela metse ka bontsi.

Kgosi o bile a supa fa nako e gorogile gape ya gore thelebisene e ikemele e seka ya laolwa ke puso, a bo a kopa gore go nne le di community radio station, a re di ka thusa go tlotlomatsa ngwao le diteme tsa merafe ka go farologana. O tsweletse a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona bontlha bongwe jwa lefatshe le puso e sa tswang go le reka mo kgaolong eo mo go beng ba dipolasi, bo dirisiwa mo mhameng wa temo-thuo o a boletseng o ka isa banni ba kgaolo golo gongwe.

Go sale foo, Kgosi Maruje o ne a tswa ka mogopolo wa gore maranyane a mahala a SmartBots a beelwe dinako tsa go a bulela le go a tswala, a re o tlhobaediwa ke mokgwa wa batho bangwe wa go nna ba ya kwa madirelong a go nang le maranyane ao gare ga masigo.

Kgosi Maruje o supile matshwenyego mabapi le botlhokatsebe jwa banana mo motseng ga mmogo le bogodu jwa dikoloi mo tikologong eo, jo a boletseng bo sa robatse banni ba koo, ka jalo a laletsa tona wa lephata la Boatlhodi le Kago Sesha ya Magolegwa go ba etela go tla go mo lekodisa ka seemo seo matlho a phage a lebane.

Go sale foo, kgosi o ne a lebogela tirisanyo mmogo le tshwaragano e e renang gareng ga bone le badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone, ka jalo a kopa gore mowa oo, o tswelele fela jalo go ya go ileng gore ba kgone go tlhabolola motse le kgaolo mmogo.

Fa a tswa la gagwe, Justine Rre Hunyepa yo gape e leng mothusa tona wa lephata la Tlamelo ya Bana le Thuto go tswa kwa Moding o ne a lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng le ka ditsholofetso dingwe tse puso e setseng e kgonne go di diragatsa. O bile a supa fa tshwaragano ya gagwe le morafe mmogo le ba-na-le seabe botlhe mo ditlhabololong e le konokono mo go lereng ditlhabololo mo kgaolong.

Mopalamente Hunyepa o ne a gakolola banni ka botlhokwa jwa go tlhopha batho mo dikomiting ba lebeletse bokgoni le ka fa ba direlang setshaba ka teng, go na le go lebelela mebala ya diphathi tsa sepolotiki. A re le ntswa puso e rotloetsa go tlotlwa ga ditshwanelo tsa setho, seo ga se reye gore batho ba tswe mo tseleng ka leina la ditshwanelo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Jul 2025