Breaking News

Ipelegeng e ka se kgone go belega botlhe

07 Jul 2025

Banana ba ba tsogelang mo dinong, mo bogodung le mo ditirong tse di sa itumdiseng ba dira jalo ka go bo ba sa tshele sentle ka ntlha ya dikgwetlho tse di ba farafereng di akaretsa letlhoko la ditiro, dijo, bonno le one madi.

Se e ne e le kakgelo ya ga Rre Oarabile Molapisi fa a ne a tsibogela mafoko a Mopalamente wa Kanye Bophirima, Rre Victor Phologolo kwa phuthegong ya kgotla kwa Goo Ruele bosheng. Rre Molapisi a re gantsi fa banana ba amega mo ditirong tse di sa jeseng diwelang, batsadi ba bofefo go ba supa ka monwana le go ba itlhokomolosa.

Rre Molapisi o ne a kopa Mopalamente go ya go sekaseka le bangwe ka ene methale ya go ka thusa go ntsha banana mo ditirong tsa tshokamo, a re go seka ga lejwa lenaneo la Ipelegeng fela. O supile fa Ipelegeng e thusa fela thata, mme a lela ka gore ga e kake ya kgona go thusa batho botlhe, ka jalo go tlhokega gore go okediwe maiteko a go thusa Batswana go tlhama diphatlha tsa mebereko. O supile matshwenyego ka barutegi ba ba samileng ditlankana tsa thuto, a re kgotla e tshwana le ya Goo Ruele, e na le dikitso ka go farologana ka jaana bontsi jwa banana bo le mo gae bo sa bereke.

Ka go rialo o kopile gore go akanyediwe go tlhoma madirelo a a dirang dithoto mo dikgaolong. Rre Molapisi a re ditharabololo tsa letlhoko la ditiro di mo dikakanyong tsa beng-gae. O ne a kaya ka gore dikago tsa puso tse di tlhokang go shafadiwa, go ka dirisiwa beng-gae ba ba nang le kitso mo go tsa kago go thusa go fokotsa ditshenyegelo ka go thapa batswaka le go direla beng-gae letseno.

Fa a tsibogela dilelo tsa morafe ka dituelo tsa Ipelegeng, modulasetilo wa khansele ya Kanye, Rre Morapedi Kgosithebe, o kaile fa khansele e sena madi mme e bile e kolota badiri ba Ipelegeng ba ba weditseng tiro ka Motsheganong le Seetebosigo. A re seemo sa letlhoko la madi se dirile gore khansele e nne e ngathe mo mading a dijo tsa bana ba dikole go fokotsa sekoloto sa badiri ba Ipelegeng ka go bona go nna mogoga moleele gore ba duelwe.

Rre Morapedi o tlhalositse fa lebaka legolo e le gore madi a Ipelegeng ga a ise a bonale, ka jalo go felela go pateletsa khansele go tshameka mhele ka bonnyenyane jo bo leng teng go duela ditirelo ka go farologana. A re kgato eo e tlogela bogogi jwa khansele bo sa tlhomamise gore go ya pele baithuti kwa dikoleng ba ya go fepiwa jang. Le fa go ntse jalo, o tlogetse Baruele ka potso ya gore; a ga go botoka go emisa ditirelo tsa Ipelegeng kgotsa, a ke lenaneo le tswelele ka tsholofelo ya gore fa madi a bonetse go duelwe ba ba berekileng.

Fa a tsibogela dikgakgelo le megopolo ya Baruele, Rre Phologolo o ne a atla dikakanyo tsa ga Rre Molapisi ka gore ditharabololo tsa dikgwetlho tsa mo gae di mo go beng-gae. A re mo go tsa madirelo a dithoto, o setse a kile a isa kopo kwa lekalaneng la thuso ya dikgwebo (LEA) go sekaseka ka fa banana ba motse ba ka thusiwang ka teng go tswa mo lehumeng ka tiriso ya metlaagana ya dikgwebo a lephata leo.

Mo godimo ga moo, mopalamente o tlhalositse fa a solofetse gore go tlaa nna le phuthego ya mokatakata ya banana ka Lwetse go tla go kopanya ditlhogo go bopa megopolo ya go tlhabolola kgaolo. Ka jalo o kopile banana go iponatsa ka makatlanamane. O tlogetse khansele ka lefoko la gore ba itshekatsheke mapapi le go atolosa tselakgolo e e ralalang Kanye, e morafe o supileng fa e setse e sa kgone motseletsele wa dikoloi ka ntlha ya kgolo ya motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Jul 2025