Breaking News

Tsela ya Mmadinare-Robelela e tlaa tsweledisiwa

03 Jul 2025

Puso  e tlaa tsweledisa kago ya tsela ya Mmadinare-Robelela.

Tona wa Dipalamo le Dikago Rre Noah Salakae o tlhalositse fa tiro e tlaa simolola mo  bogaufing gore e tle e wediwe ka nako e e dumalanweng.

Rre Salakae o buile se kwa Mmadinare ka Labone mo phuthegong ya kgotla e maikaelelo a yone e neng e le go tlhalosetsa banni ka ditharabololo tse di tlaa dirwang ka matshwenyego a ba neng ba a supile mo diphuthegong tsa kgotla tse di fetileng tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Ketlhalefile Motshegwa.

Tona Salakae o boletse fa tsela ya Mmadinare-Robelela e simolotse go dirwa Tlhakole a le lesome le bobedi ngogola, mme tshwanelo e le gore e wediwe mo ngwageng o o tlang Tlhakole a le lesome le motso.

Rre Salakae a re banni ba Mmadinare ba ne ba sa bolo go lela ka tsela eo gore e fediwe ka ba ne ba bona jaanong khampani e e neng e e dira e sa tlhole e le teng.

A re matshwenyego ka tsela eo a mo tlamile go tlhotlhomisa gore bothata bo dule fa kae.

O ne a supa fa tsela eo e tsenya sekgala sa go tswa Serule go ya Selebi Phikwe.

A re sengwe sa tse di neng di dumalanwe le khampani, ke gore tsela e tshwaiwe gore e bonale, seo e le maiteko a go thibela dikotsi tse di ka bakwang ke go tlhoka matshwao a tsela.

Rre Salakae a re tsela eo ya Mmadinare-Robelela e kgaogantswe gabedi, a kaya fa e na le fa e fapogang teng e ya kwa Damuchujenaa, e fapoge ka Mmadinare e ya kwa Robelela.

A re tiro ya go aga tsela eo, e e tlaa lopang P95.3 million, e ne ya abelwa khampani ya Ocean Cables (PTY) LTD.

Tona a re mo nakong eno tiro ya tsela eo e ka bo e le kwa go masome a supa mo lekgolong, mme fa ba dira ditshekatsheko, ba itemogela fa e le kwa go masome a mane le motso mo lekgolong.

A re khampani e e dirang tsela eo e ka bo e setse e dirile boleele jwa dikhilomithara di ka nna masome a mabedi le gone go tshela tsela e e yang kwa Robelela, selo se a supileng fa se ise se diragale.

Rre Salakae  a re khampani ga e ise e wetse go baakanya tsela (resealing) mo sekgaleng se se lomaganyang Damuchujenaa le Mmadinare.

Le fa go le jalo, o supile fa khampani eo e kgonne go katela dikhuti  e bile e kgonne go tshwaya dikhilomithara di le lesome le motso tsa tsela eo.

A re puso e dumela fa ditirelo tsa setshaba di tshwanetse tsa dirwa ka nako mme fa go nang le ditlhaelo teng, ba tle kwa setshabeng go ipobola.

O ne a tlhomamisetsa banni fa madi a a neng a setse a go dira tsela eo a ntshitswe ,mme khampani e tlaa tsweledisa tiro mo bogaufing.

Le fa go ntse jalo, mothusa tona wa lephata la Metsi le Bonno Rre Motsamai Motsamai, o ne a tlhalosetsa banni fa dikgang tsa metsi le bonno e le ditshwanelo tsa setho ka jalo Tautona Advocate Duma Boko a bona go le botlhokwa gore batho ba nwe metsi a a nang le boleng e bile a ba lekane, gape ba nne le bonno mme e se bonno fela, e le jo bo fang seriti..

A re go tlaa rurifadiwa gore Mmadinare le metse e e sielwang metsi go tswa kwa go one ga e tswelele e na le selelo sa metsi ntswa ba bapile le letamo la Letsibogo.

O rotloeditse banni go dirisa lenaneo la phokoletso sekoloto sa metsi. Lenaneo leo le okeleditswe nako go fitlhelela Phukwi a le lesome le boferabobedi, ka jalo a rotloetsa banni go ikatametsa kwa diofising tsa ba metsi go ka le akola pele le ya kwa bokhutlong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Mmadinare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Jul 2025