Bomme ba rotloediwa go tshegetsana
03 Jul 2025
Go tshegetsana go ka thusa bomme ba mokgatlho wa Mosadi Letlotlo kwa Tsamaya le e mengwe ka go farologana go diragatsa maikaelelo a bone.
Motlhami wa mokgatlho, Mme Nanzy Chaitezvi, a re bomme ke dipilara e bile ke mekokotlo ya motheo wa lolwapa.
O buile jalo bosheng, a bula bokopano jwa mekgatlho ya bomme e e farologanyeng kwa Tsamaya.
Mme Chaitezvi a re tshwaragano e ka thusa bomme go itsetsepela, ba mekamekana le mekgweleo ya go tsamaisa malwapa.
Bokopano bo ne bo tsenwe ke mekgatlho ya bomme go tswa kwa Tonota, Gulubane, Kalakamati, Zwenshambe, Mulambakwena le Tsamaya, maikaelelo e le amogana maele a botshelo le dikitso tsa tiro tsa diatla.
Mme Chaitezvi a re maikaelelo magolo a gagwe ke go leka go dira pharologanyo mo matshelong a bomme ka go ba ema nokeng le go ba gakolola ka sepe fela se ba inaakantseng le sone, e le tsela ya go bona ba gatetse pele.
O tsweletse a re keletso ya gagwe ke go bona dithoto tse bomme ba di dirang di kgona go phadisanya mo mmarakeng wa mafatshe ka bophara. O gakolotse bomme gore ba seka ba letlelela dikgwetlho go ba itsa go tsepama mo maitlamong a bone a go ipona ba gorogile golo gongwe mo botshelong.
A re sengwe sa botlhokwa ke gore ba kgothatse bana ka dingwaga tsa bonyana gore le fa ba sa kgona go bona ditiro ba seka ba ineela ba itse fa ba ka itirela ka diatla.
Fa a tshwaela, motlhami wa mokgatlho wa Re Goga Mmogo go tswa kwa Tonota, Mme Theo Olopeng, o gateletse botlhokwa jwa tshwaragano, a re ke selo se se molemo se se ka ba namolang bomme mo manokonokong a a ba lebanyeng.
Mme Olopeng a re o na le tsholofelo ya gore bokopano joo, e ne e le tshimologo ya tse dikgolo mo matshelong a bone.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, motlhami wa mokgatlho wa Mokwatla wa Bomme go tswa Kalakamati, Mme Gosego Mmolawa o gakolotse bomme go itsaya motlhala ba lebeletse ka fa ba godisang bana ba basimane ka teng, go simolola fela mo bonyennyaneng jwa bone.
A re go lebega go le pharologanyo ka fa bomme ba godisang ka teng bana ba basimane fa go tshwantshanngwa le ba basetsana.
Mme Mmolawa a re o belaela gore ngwana wa mosimane o a lebalesega ka bommaabone ba sa atumalana thata nabo, ka jalo go nne thata go ka itekodisa ka tse di ba amang.
Mme Mmolwa a re go tlhoka lorato le tshegetso e e lekaneng go tswa mo go bomme go dira gore bana ba basimane ba godisiwe ka go kgojwa ka mafoko, seemo se se dirang gore ba nne le maikutlo a a thubegileng, mme go ba gogele kwa boitshwarong jo bo sa eletsegeng jaaka go inaakanya le ditagi ga mmogo le go nna le mowa wa kgokgontsho mo go bomme le bana ba basetsana.
Ka jalo, a re ke nako ya gore bomme ba itshekatsheke, mme ba leke bojotlhe go atamelana le bana ba basimane, ba fiwe bogakolodi jo bo ka ba kgontshang go emelana le dikgwetlho tsa botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Tsamaya
Event : Bokopano jwa mekgatlho
Date : 03 Jul 2025