Go ikopanya ga badirela puso go supa popagano
03 Jul 2025
Badirelapuso ba Lerala ba gakolotswe go nna seopo sengwe mo go direng tiro ya puso.
Mothusa Kgosi, Rre Ookeditse Shaw a re go botlhokwa gore badirelapuso ba rotloetsane gore ba kgone go ntsha maduo a a nametsang.
Kgosi Shaw o buile jalo kwa bokopanong jwa lekgotla la badirelapuso ba Lerala (Village Extension Team) ka Laboraro.
A re go botlhokwa go thusana le go rotloetsana go dira tiro ya puso.
“Fa o bona yo mongwe a le kwa tlase, mo rotloetse, o mo tsholetse,” ga tlhalosa Kgosi Shaw.
O tsweletse a supa gore go ikopanya ga badirelapuso, ke sesupo sa tshwaragano le popagano ya bodirela puso.
Kgosi Shaw o ba rotloeditse go kopanya matlhale a bone go direla banni ba Lerala ka natla.
“A tshwaragano ya badirela puso le makalana a a ikemetseng e tswelele, e bile ke tshephisa gore bogogi ja motse wa Lerala bo tlaa le ema nokeng,” ga tlhalosa Kgosi Shaw.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Lerala Botlhaba, Rre Andrew Supang, a re bokopano jwa badirelapuso ba Lerala ke tlhabololo e e nametsang fela thata.
“A re godiseng bokopano jo, re bo tsee ka tlhwaafalo, re supe lorato mo bathong ba Lerala ka go ntsha maduo a nametsang mo ditirelong tsa puso,” ga tlhalosa Rre Supang.
A re nngwe ya ditiro tsa makhanselara ke go tshereganya dikgang tsa morafe le badirela puso, a tlatsa ka go rotloetsa badirela puso go lekodisa makhanselara dikgang tse di ba tshwenyang le dikatlego.
“Fa morafe o sa le tsee sentle, re bitseng re le thuse,” ga tshwaela Rre Supang.
Fa a buia mo potsolotsong Mme Violetta Mpedi, mogokgo wa sekole se se botlana sa Lerala, e bile e le modulasetilo wa VET, a re maikaelelo a go kopanya badirelapuso ba Lerala ke gore ba itsane.
“Re maphata a a farologanyeng a puso mo Lerala, mme maitlamo a setlhopha se, ke gore re kgone go dira re le mmogo.”
Mme Mpedi a re badirelapuso ba tshwaraganye ka moono wa go thusa setshaba ka botswapelo, ka jalo go botlhokwa gore ba itsane.
A re tsholofelo ya gagwe ke gore bokopano jwa mofuta o, bo tshegediwe ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Lerala
Event : Bokopano jwa VET
Date : 03 Jul 2025