Breaking News

Monna o tlhokafetse mo kotsing ya tsela

02 Jul 2025

Monna wa dingwaga tse masome mararo le botlhano (35) o tlhokafetse mo kotsing ya koloi mo tseleng ya Khawa ka Tshipi.

Mookamela mapodisi a Middlepits Superintendent Kebadire Mmopi, a re koloi ya modiro wa Toyota Hilux double cab e ne ya pitikologa mme ya gapa botshelo jwa rre yoo, yo e bileng e ne ele ene mokgweetsi.

Supt, Mmopi a re kotsi e diragetse mo tshokologong ka nako ya botlhano, dikhilomethara di ka nna masome a mararo go tswa kwa Khawa. 

A re moswi le ba a neng a na le bone ba le boferabobedi ba ne ba tswa Khawa ba ya Tsabong.

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di supa fa mokgweetsi a ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi, mme seo sa baka kotsi.

A re ba le babedi ba ne ba robadiwa morago ga go bona dikgobalo tsa go robega mabogo, a le mongwe a ne a romelwa kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone ka dikgobalo mo mahatlheng, fa ba le batlhano bone ba ne alafiwa mme ba gololwa gone foo.

Moswi o tlholega kwa Omaweneno.

Supt Mmopi o gakolotse bakgweetsi go obamela matshwao a tsela le go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe le gone go ikgapha mo go tsa nnotagi fa ba kgweetsa.

A re tsela ya Khawa ke ya lekgarapana, e dikhuti, gape e itsoketsa kgapetsakgapetsa ka jalo e tlhoka gore mokgweetsi a nne kelotlhoko.

O tlhalositse gape gore ba begetswe tiragalo ya petelelo ka Matlhatso kwa Khawa. 

A re mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bone wa Tsabong o ikuetse mo mapodising morago ga gore monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro wa Khuis a tlhakanele dikobo le ene ntle le tumalano.

Supt Mmopi a re mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi, fa ditlhotlhomiso tsone di tsweletse.

Fa a soboka ditiragalo tsa moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Khawa Dune Challenge, Supt Mmopi a re le fa go nnile le ditiragalo tsa borukuthi jaaka kgang ya petelelo, tshoboko ke gore bontsi jwa ba ba neng ba le koo ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go ipela ka kagiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 02 Jul 2025