Baswagadi ba fiwa thuto
02 Jul 2025
Mogolwane go tswa kwa Legal Aid Botswana Rre Lesedi Seloka o sedimoseditse baswagadi ka ditshwanelo tsa bone mo kgaoganyong dithoto tsa boswa kwa letsatsing la mafatshefatshe la baswagadi kwa Molepolole ka Matlhatso, Seetebosigo a le masome a mabedi le boorobaboobedi.
Rre Seloka a re ba itemogetse gore dikgang tsa go lwela dithoto tsa boswa di simolola fela fa yo mongwe a sena go tlhokafala. Are banyalani ba kgona go tlhoka kutlwisisano mo tsamaong ya nako, mme yo mongwe a boele kwa gaabo, e re fa a tlhokafala ba gaabo ba itshupe fa e le bone ba ntseng ba mo tlhokomela.
Ke ka moo, Rre Seloka a neng a tlhalosetsa botlhe gore lekalana la bone le le tlhamilweng ke puso go fa Batswana dithuso tsa semolao tsa mahala, le ikemiseditse go thusa baswagadi ka ditshwanelo tsa bone.
A re ba na le babueledi ba semolao ba ba farologanyeng, ba itebagantse le botlhe ba ba batlang dithuso tsa semolao e bile mmueledi yoo, a tsamaya le mongongoregi kwa lekgotla tshekelong ntle fela kwa lekgotleng la Setswana.
A re molao o papametse gore motho yo o nang le tshwanelo ya go fitlha yo o tlhokafetseng mo lenyalong, ke ene a nang le tshwanelo ka fa molaong go tsaya tshwetso a le esi kgotsa a na le bana gore ba ya go bolokela kae.
Rre Seloka a re ka setho, ke gone moswagadi a ka rerisanang le bo matsalaagwe gore o batla go fitlha mopati wa gagwe kae.
O ne a fa sekai, a re go a diragala gore bomatsale ba kgone go tsaya sentlakana sa leso kwa ofising ya kwadiso matsalo le dintsho, mme a tlhalosa gore moswagadi o na le tshwanelo ya go ya kwa ofising go supa fa e le ene yoo setseng e bile a ne a nyalane le moswi.
A re fa go ntse jalo, ofisi ya kwadiso dintsho le matsalo e tlamega ka fa molaong gore setlankana sa leso se se neng se tserwe ke bomatsale se kgaphelwe kwa thoko mme moswagadi a bo a neelwa se sesha.
E re le go ntse jalo, mothusa Kgosi ya Bakwena Rre Lawrence Mhaladi a re melao mengwe ya setso le ya dikereke e tletse kgokgontsho mo go yoo tlhokafaletsweng.
Rre Mhaladi o ne a fa sekai ka bomme ba baswagadi ba a reng gatwe ba apare mebala mengwe go supa khutsafalo ya bone.
A re go botlhokwa go botsa gore ditsamaiso tsa go nna jalo, di santse di berekela setshaba, go itebagantswe le diphetogo tsa segompieno.
Mogolwane wa mokgatlho wa Widows Walking Together Society of Botswana Mme Dineo Phuti le ene o gateletse gore tsamaiso ya Setswana e e sa kwalwang ka fa molaong e rotloetsa gore ditshwetso di tsewe ka maikutlo mme se se baya baswagadi ka fa mosing.
“Jaanong re ne kopa magosi gore ba thuse gore melao e e sekasekwe. A melao ya setso le yone ya segompieno e lemoge baswagadi, mme e sekasekwe e bo e kopanngwe e tle e re thuse,” ga itela Mme Phuti
Fa a tswa la gagwe Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a re o lemogile gore dithulaganyo tse di neng di akareditswe mo lenaneong la letsatsi leo di ne di na le dintlha tse di botlhokwa jaaka go dira mokwalo wa kgaoganyo dithoto (last will and testament), dikgang tsa ba melao le tsa kgaoganyo tiriso ya madi tse di ka nowang moro ke botlhe.
Fa a ruta baswagadi ka botlhokwa jwa go nna le mokwalo wa kgaoganyo boswa, moemedi wa ba Botswana Life Fiduciary Services Rre Kabelo Moruti a re mokwalo oo, ke one o mong wa dithoto a nankolang dikeletso ka tse a dibapetseng le kamano ya tsone.
Rre Kabelo a re mokwalo oo, ke go kaela ba ba setseng gore go diragala eng ka dithoto tsa gagwe le go hema dikgotlhang tse di nnang teng fa motho a sena go tlhokafala.
A re mokwalo oo, o ka dirwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o itsholetse go le kae, a tswelela ka go gakolola gore batho ba seka ba nna maoto a tshupa go o dira ka jaana leso le sena morero le itlela nako nngwe le nngwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Letsatsi la Baswagadi
Date : 02 Jul 2025