Bapalang ga a ipone tsapa
01 Jul 2025
Go tila manokonoko a letlhoko la ditiro go gwetlhile monni mongwe wa Tsabong go ikaega ka tiro ya diatla gore a kgone go itshetsa le go tlamela ba lelwapa la gagwe.
Mme Keromemang Bapalang o buile mo potsolotsong bosheng kwa Tsabong fa a itshetsa ka ditiro tse di farologanyeng tsa diatla, a supa fa nngwe ya ditiro tsa gagwe e le go bopa dinkgwana tsa ditiriso tse di farologanyeng.
Mme Bapalang yo o dingwaga di masome a matlhano le bobedi o tlhalositse fa a simolotse tiro ya gagwe ya diatla ya go bopa dinkgwana mo lwapeng ka ngwaga wa 2017.
O boletse fa a ne a tswelela ka tiro eo, le ntswa e na le dipoelo tse di kwa tlase mme ya re ka ngwaga wa 2023 a e tlhabolola ka go bopa a tswakantse semente le dipampiri gore dithoto tsa gagwe di kgatlhise leitlho la moreki.
A re e ne ya re go itemogela tlhaelo ya pampiri e a bopang ka yone, a kopa ba lephata la dikitsiso go mo thusa ka pampiri ya setshaba ya DailyNews e e fetilweng ke nako, mme a supa fa seo se ne sa araba selelo sa gagwe.
Mme Bapalang a re ka tsamao ya nako, o ne a inaakanya le e nngwe tiro ya diatla ya go roka diaparo.
O boletse fa mo nakong ya gompieno a setse a nale bareki ba le bantsi ba ba mo etleetsang mo tirong e ya gagwe.
Le fa go le jalo, Mme Bapalang o tlhalositse fa tlhaelelwa ke didirisiwa di akaretsa motshine o o rokang, a supa fa mo nakong eno a santse a roka fela ka seatla.
Mabapi le letlhoko la didirisiwa, o ne supa fa a tla ikgolaganya le ba khansele ya Tsabong le ba lephata la bong go mo thusa ka tse a di tlhokang gore kgwebo ya gagwe e tlhabologe a bo e gole.
Godimo ga moo, o ne a supa fa a setse a simolotse tshingwana ya merogo le gone go lema ditlhare tsa maungo, maikaelelo e le gore fa a ka atlega a tle a kgone go dira jeme le di-tswa-maungong tse dingwe.
A re o tswa kgakala gape a itshetsa ka go dira kofi ya Motlopi e a supileng fa e le bogadi bo gaufi ka bontsi jwa batho ba e rata thata kwa kgaolong eo.
Kofi eo e dirwa ka setlhare sa Motlopi, se a supileng fa se le ntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi mme e bile ka fa e dirwang ka teng go le motlhofo.
O ne supa fa tshingwana ya gagwe ya merogo e dira sentle ka e mo fa letseno le le nametsang. A re bontsi jwa batho bo reka merogo ka e le yone e rotloediwang ke ba botsogo go ka jewa mo nakong ya gompieno go hema malwetse bogolo jang a a sa tshelanweng le gone go nna le boitekanelo jo bo eletsegang.
Mme Bapalang a re e re le ntswa e le mongwe wa batlhoki ba ba thusiwang ke khansele ka dijo kgwedi le kgwedi, o ne a bona go le botlhokwa gore le ene a ikemele ka dinao ka jaana mokoduwa go tsoswa o o itekang.
O ne a kgothatsa bomme go inaakanya le ditiro tsa diatla, a tlhalosa fa di tlhoka bopelotelele le lorato fela.
A re seo se ka ba thusa go itlhabolola go nale go ikaega ka borre ba ba tshelang le bone.
O ne a wetsa ka go kopa thotloetso ya dithuso mo dikomponeng tse di ikemetseng tse di farologanyeng, maphata a puso le setshaba ka kakaretso gore a tle a kgone go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go tokafatsa botshelo jwa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 01 Jul 2025