Puso e batla metlhala ya go tsosolosa itsholelo
01 Jul 2025
Lefatshe la Botswana le mo tseleng ya go inoga mo dikgwetlhong tsa itsholelo e e ntseng e gola ka sekale se se kwa tlase sa boraro mo lekgolong.
Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare e bile e le tona wa dikgaolo le merero ya tsa ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmadinare ka Labone.
Rre Motshegwa o tlhalositse fa itsholelo e e golang ka selekanyo se se kwa tlase e dira gore puso e retelelwe ke go diragatsa maitlamo le ditsholofetso tse e di ipeileng pele tsa go tlhabolola lefatshe.
O tlhalositse fa puso e dirile maitlamo a go tsosolosa itsholelo le go e aga sesha, mme e sa ikaega fela ka motswedi o le mongwefela wa diteemane.
O tlhalositse fa go tsosolosa itsholelo go tshwanetse ga dirwa ka go aga mehama e mengwe ya itsholelo, e akaretsa temo thuo le gone go dira gore ditswa-mmung di seka tsa rekisiwa fela di ntse jalo mme go dirwe dithoto ka tsone mono go tlhamela beng-gae ditiro.
O kaile fa mo nakong ya gompieno go nale dikgwetlho tsa tlhaelo ya ditsompelo kwa dipateleng fa dingwe tsa tsone di tlhoka go baakanngwa, a tlhalosa fa le kwa thutong go santse go nale tlhaelo ya barutabana le tse dingwe.
Rre Motshegwa o supile fa Tautona Advocate Duma Boko le ba a berekang nabo ba sa nna fela mme ba tsweletse ka go etela mafatshe a mangwe go kopana le baeteledipele le bagwebi maikaelelo magolo e le go ngoka bagwebi le babeeletsi go tla go bula dikgwebo mo lefatsheng leno.
O ne a re tsholofelo ke gore mo nakong e e seng kgakala, itsholelo e bo e ka tokafala mme ditsholofetso le maitlamo a puso e a ipeileng pele di bo di ka dirafadiwa.
Mo go tse di amang tsa lephata la dikgaolo, Rre Motshegwa o tlhalositse fa lephata le tshwaragane le maphata a mangwe go tlhomamisa gore Batswana ba tshela sentle le go nna le bonno jo bo siameng.
E rile a ama tsa bogosi Rre Motshegwa o ne a tlhalosa fa ditshekatsheko tsa molao wa bogosi di tsweletse ka o o ntseng o le teng o siilwe ke nako.
O ne a re molao o o leng teng o nale ditsetlana tse pedi fela mme e bile di sa atologa le go tlhalosa ka botlalo ka tiro le boikarabelo jwa dikgosi. Dilo dingwe tse di tlaa akarediwang mo go dirweng sesha ga molao o ke go tlhomamisa gore dikgosi di neelwa maikarabelo le go okeletswa dithata tsa go bopa le go tshwaraganya setshaba bogolo jang mo nakong ya gompieno e boitshwaro ja setshaba bo sa itumediseng.
Le fa go ntse jalo, Rre Motshegwa o ne a rotloetsa setshaba go kwala ditso tsa bogosi le go di rurifatsa gore e re ka nako e go nnang le dikgotlhang go bo go ka lebelelwa ditso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mmadinare
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jul 2025