Breaking News

Molelwane wa bokhanselara ga o itumedise Kgosi

01 Jul 2025

Molelwane wa bokhanselara kwa Lotlhakane West le dipalo tsa batho mo tikologong ya Tshwaane di bolelwa di baya motse oo ka fa mosing fa go tla mo go tlhabologeng ga motse.

Se se sedimositswe ke Kgosi Motshamekalebera Baitere wa Tshwaane mo kgaolong ya botlhophi ya Moshupa/Lotlhakane West, a supa fa melelwane ya bokhanselara e kgaogantse motse ka bogare.

O boletse se mo potsolotsong bosheng jaaka fa motse wa gagwe o ne o amogela ditirelo tsa maphata ka go farologana ka thulaganyo ya ofisi ya ga molaodi yago atametsa ditirelo kwa setshabeng.

A re go na le Tshwaane jaaka e le motse le dikgaolo tsa Molomoojang(12km), Mosiang (7km), le Sehibidu (8km) tse a tlhalositseng fa e le masimo a a mo tikologong ya motse oo.

A re mafelo a, a na le dipalo tse dintsi tsa banni, e bile ba ikaya fa ba wela mo kgaolong ya botlhophi ya Ralekgetho le ntswa ba rulaganyeditswe go tsaya ditirelo kwa Tshwaane.

A re ntswa le fa banni ba ikaya jalo, ditirelo di tshwana tsa selemisi, thuto ya bana le tsa botsogo ba di amogela mo Tshwaane.

Kgosi Baitere o ne gape a ngongorega ka go tlhoka go tsena  diphuthego  ga banni gammogo le ditiro dingwe tse di tlhokang gore e nne ba-tsaya karolo.

A re go dira jalo go rontsha motse wa Tshwaane ditlhabologo ka jaana ditshekatsheko tsa ditogamaano tsa ditlhabololo di dirwa go lebeletswe dipalopalo tsa batho

Go ntse go le jalo, Kgosi Baitere o sedimositse fa dipalo tsa batho ba Molomoojang, Mosiang, le Sehibidu di ama tlhopho ya komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tshwaane ka jaana ba le palo ntsi.

A re seemo se, se baka gore komiti e se ka ya dira ka natla ka maloko a mantsi a le mo dikgaolong tse di kwa ntle ga Tshwaane.

A re keletso le kopo ke gore motse wa Tshwaane o letlelelwe go nna le kemedi ya maloko a komiti ya ditlhabololo a le matlhano, ba le babedi go tswa mo lefelong lengwe le lengwe kwa Molomoojang, Mosiang, le Sehibidu le a le mongwe go tswa Matlhotshana. 

O tladitse ka gore ke kopo e ba setseng ba e dirile kwa khanseleng le gore fa go dirilwe jalo, kemedi ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e ka kgona go emela motse ka tlhomamo go sena go gogela kobo letlhakoreng le le lengwe. 

O weditse ka gore ketsaetsego le boitseme jo bo mo morafeng di bakiwa ke go kgaogana ga melelwane ya bokhanselara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : TSHWAANE

Event : Potsolotso

Date : 01 Jul 2025