Sealetsa o gopola Seretse ka bonolo le bopelotelele
29 Jun 2025
Dingwe tsa dilo tse Batswana ba gaopolang tautona wa ntlha wa Botswana, Sir Seretse Khama ka tsone, ke bonolo le bopelotelele.
Kgosi Ashton Sealetsa wa kgotla ya Goo-Motebejana kwa Kanye, o tlhalositse fa a ne a kopana le Sir Seretse Khama kwa Maun kwa phuthegong ya Botswana Democratic Party, kwa a neng a lemoga gore go tsena sekole kwa moseja ga gagwe go mo file temogo le tebebelope tse lefatshe leno le neng le di tlhoka.
A re le fa e ne e le kgosi, seo o ne a sa se eteletsa pele ka e bile a ne a ithola bogosi, a nna morongwa wa setshaba.
Kgosi Sealetsa o boletse fa Sir Seretse Khama a ne a le boineelo, ka e ne e a re fa go dirisiwa mafoko a a sa siamang mo sepolotiking, a ikobe, a nne le go supa gore o batla go nna moeteledipele wa sepolotiki se se letlang batho go gololesega.
Selo se, Kgosi Sealetsa o supile fa e ne e le sekai sa bopelotelele le botlhale.
O ne a gopola tiragalo nngwe e e neng e ama rre mongwe wa Mongwaketse, Rre Mokatenyane Ketshabile yo a neng a eme nokeng Kgosi Bathoeng II mo sepolotiking, e le ba kganetso ka nako ya fa kgosi a ne a tlogela bogosi go tsena mo sepolotiking.
“Ya re fa Tautona Seretse a bitsa leina la ga Rre Mokatenyane, ka go tlhoka lesego a seka a le bitsa ka fa go tshwanetseng, a mmitsa ka leina le le rayang lerotse le le sa jeweng e bile le le botlhoko. Go ne foo, morafe wa baakanyetsa taautona, kante Rre Mokatenyane ene o kgopisegile,” Kgosi Sealetsa a tlhalosa.
“Fa se se diragala, Rre Mokatenyane o ne a solofetse gore o tlaa utlwa Kgosi Bathoen a mmuelelela mme ga seka ga nna jalo. Rre Mokatenyane a ngala a rwala setilo a tlogela kgotla, morafe wa mo goa wa re, ga o kake wa dira jalo ke molato,” Kgosi sealetsa a supa.
A re go tswa foo, Sir Seretse o ne a rapela Rre Mokatenyane gore a seka a mmona molato, mme a dira jalo a le boikobo, maikaelelo e le go retibatsa seemo.
Se sengwe a re go ne go kaiwa fa e ne e a re Sir Seretse Khama a ile go lekola moraka wa gagabo, a dire jaaka o kare o itse dikgomo go fetisa badisa ba tsone, a lebe kgomo e e sa kgatlheng, morago a bitse badisa a ba botse ka yone gore e kae.
Selo se, Kgosi Sealetsa a re se ne se dira gore go lebege jaaka o ka re o itse dikgomo tsa gagabo tota. BOPA
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2025