Breaking News

Ditshwanelo tsa babereki ke ditshwanelo tsa setho

29 Jun 2025

Setlhogo sa monogwaga sa ipelelo letsatsi la babereki le le fetileng, se supile fa babereki ba tsaya ditshwanelo tsa bone tsia le gore ba lemoga fa ‘ditshwanelo tsa mmereki le tsone e le ditshwanelo tsa setho’.

Se se boletswe ke Mopalamente wa Kanye West Rre Victor Phologolo mo go lengwe la maeto a gagwe a go lekola bodiredi jwa kgaolo ya Kanye bosheng.

Mopalamente a re fa badiredi ba dumela gore ditshwanelo tsa bone di tshwana le ditshwanelo tsa setho, se se raya gore ba itse gore dikgwetlho, maikarabelo le maitlamo a tiro le tsone di tshwanelwa ke go tseelwa kwa godimo ka gore fa ditshwanelo tsa mongwe di felelang teng, go simolola tsa yo mongwe mme mmereki a dire gore mmereki ka ene a akole ditshwanelo tsa gagwe.

Rre Phologolo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go le botlhokwa gore mo thomong tse di neilweng bodiredi, bofelong jwa letsatsi bodiredi botlhe bo lebagane le go dira selo se le sengwe, e leng go tsisa ditlamelo gore batho ba bone se se ba siametseng le go dira gore ditshwanelo tsa bone tsa setho di se gatakiwe ka dinao.

A re mokwalo kgotsa tumelano e, e supa ka tsepamo gore tiro ya mmereki ke eng, le gore fa mmereki a diragatsa maikarabelo a tiro e, o tlaa netefatsa gore yo o thusiwang ka ditirelo, ditshwanelo tsa gagwe di a tlotlomadiwa.

Mopalamente a re, gantsi mmereki o tle a dumele gore o thusa ka botswerere le mororo go sa nna jalo. 

A re se se bakiwa ke gore motho o tle a nne le maikutlo a a kotlometseng mo tirong mme se se bake gore ditirelo di seka tsa itumedisa yo o thusiwang.

O boletse fa gantsi matshwenyego a, a letlelelwa a bo a tlogelwa a kekela, morago mmereki a latlhegelwe ke go dira tiro ka botswapelo.

O gakolotse gore ba ka fenya seemo seo ka go bua ka se bone e le babereki ba dumelang e le matshwenyego mo go bone.

Rre Phologolo o tlhalositse fa matshwenyego a le mefuta. A re go ka nna le a a boammaruri ka se se diragalang mo tirong le a mmereki a ka dumelang fa e le a mo tirong, boammaruri e le gore ke matshwenyego a maikutlo a mmereki a a sa amaneng le tiro.

 A re gore mmereki a farologanye matshwenyego a, le gore a tle a kgone go dira ka botswapelo, o ka a itse fela fa a ka bua le mongwe jaaka bagolwane mo tirong.

Mo godimo ga moo a re o tlhomamisa fa makgotla a babereki a na le kemedi ya ditshwanelo tsa babereki mo ditirong. 

A re baeteledipele mo ditirong ba tlhaloganye tiro ya baemedi ba babereki (shop stewards) gore ke bone ba rwalang boikarabelo jwa go netefatsa fa lefelo la pereko e le le le eletsegang, le mmereki a phuthologang fa a le mo go lone.

O rotloeditse badiri go dirisa ofisi ya ga mopalamente, go utlwa matshwenyego a bone le go ba ema nokeng fela fa e le a boammaruri, e le go leka go fedisa bodiredi jo bo sa itumelang.

Mopalamente a re dikgang tsa tuediso tshenyo ya dithoto tsa puso gantsi di lemosegile gore di wela bakgweetsi ba puso le ntswa di sa direlelwa bone fela.

Badirela puso bangwe, ba lebogetse mopalamente go ba bulela dikgoro tsa ofisi ya gagwe. 

Ba re ke selo se se botlhokwa go itse fa a kgathala e bile a itlama go ba utlwa le go ba ema nokeng.

Mme Pako Sego, modupa dibuka tsa Khansele ya Kanye, a re gantsi fa go buiwa ka yo o thusiwang ka ditirelo, go lebiwa yo e seng modirela puso, a re mme go na le kgonagalo ya gore go diragale mo maphateng a puso ka bo one.

O kaile go sa thusane sentle ga maphata go supa fa e le go tlhoka go e tsaya tsia.

O lebisitse mopalamente matshwenyego a go sa lemogwa ga badiri mo ditirong, a re se se baka gore bodiredi bo diege go tswelela le go tsholediwa maemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Leeto la mopalamente

Date : 29 Jun 2025