Ba moepo ba tshwenngwa ke tshenyo ya didirisiwa
29 Jun 2025
Moanamisa mafoko kwa moepong wa Jwaneng, Rre Trust Moremi o kopile batho ba metse e e dikologileng didiba tsa moepo tse di kwa Magagarape go tshwaraganela go lwantsha tshenyo ya didirisiwa kwa lefelong leo.
A re bogodu, segolo jang jwa megala ya motlakase, bo busetsa kwa morago maiteko a khampani a go direla setshaba ka e bile go le turu go baakanya tshenyo eo.
O tlhalositse fa metsi a didiba tseo a le botlhokwa thata mo tsamaisong ya ditirelo tsa moepo mme e bile a nosa le toropo ya Jwaneng ga mmogo le Sese.
A re mo dikgetsing tsa bogodu di le nne tse di kwadisitsweng ngwaga o o fetileng, go ne ga tshwarwa motho a le mongwe fa ditlhotlhomiso tsa tse dingwe di santse di tsweletse.
O ne gape a supa fa borukutlhi jwa mofuta o, bo tsenya matshelo a balebeledi ba dithoto tseo mo diphatseng, le tsone tota diphologolo ka di wela mo mahuting.
“E re ntswa ba sepodisi ba le podimatseba ka dikgang tse tsa bogodu, go botlhokwa gore morafe le one o nne le seabe mo go tlhokomeleng dithoto tse, gore ditlhabololo di tswelele di re sologela molemo,” a tlhalosa jalo kwa loetong lwa mookamedi wa moepo wa Jwaneng Rre Goitseone Gadifele la go lekola ditlhabololo tsa khampani eo kwa Magagarape le Maboane bosheng.
E rile a tswa la gagwe, kgosana ya kgotla ya Masope kwa Maboane Rre Onyaditse Ramota, a tlhalosa fa le bone ba sa jesiwe di welang ke borukhutlhi joo, bogolo jang bogodu jwa megala ya motlakase.
Le fa go ntse jalo o ne a akgolela bagolwane ba moepo go bo ba sa ipone tsapa ka jaana ba tsweletse ka go tsibogela go baakanya fa tshenyo e dirilweng teng.
A re ba itlamile go tswelela ba tshwaragane le bodiredi jwa moepo go rarabolola dikgwetlho tseo gore ditlhabololo tsa mofuta oo di babalesege.
O ne a ba rotloetsa go tswelela ba ba thusa ka ditirelo tse di farologanyeng go tlhabolola matshelo a batho mo kgaolong ya bone.
“Re lemoga jaaka lo leka ka bojotlhe go tshwaragana le rona go leka go tla ka tharabololo ya matshwenyego a, e bile re itlamile go tswelela re bereka mmogo go dira jalo. Mme re kopa gore lo seka lwa ipona tsapa go tswelela lo thusa kgaolo ya rona ka jaana ditlhabololo di tshwana le one metsi a a tswang mo Magagarape di le botlhokwa,” a tlhalosa.
Mookamedi wa moepo Rre Gadifele o gwetlhile ba-na-le seabe botlhe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela dithoto tseo ka jaana maikaelelo e le gore kgabagare morafe o kgone go di itsamaisetsa.
A re e re ntswa gompieno didiba tseo di tlhokomelwa ka meamuso ya moepo, nako e etla ya gore di rolelwe morafe ka jalo ba tshwanetse go tswa ka lenaneo la go di tlhokomela fa diteemane di setse di fedile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : kehumile Moekejo
Location : Jwaneng
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2025