Ba tlaa neelwa boagedi jwa mafatshe oo-mabedi
29 Jun 2025
Bana ba ba tshotsweng ke Batswana le batswakwa ba na le tshiamelo ya go nna le boagedi jwa mafatshe oo-mabedi a batsadi ba bone.
Tona wa pereko le selegae Major General Pius Mokgware o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa kgaolwaneng ya Boseja kwa kgaolong ya botlhophi ya Bonnington Bokone bosheng.
Tona Mokgware o supile fa puso e ne e tshwentswe ke gore bana ba le bantsi ba ne ba rontshiwa ditshwanelo tsa bone ka go patelesega go ithola boagedi jwa lefatshe la mongwe wa batsadi ba bone.
A re bana bao ba ne ba sotlwa ke go tlhoka tomagano le lefatshe le ba tlhokang go ithola boagedi jwa lone, a re mo mabakeng a le mantsi ba a bo ba sa itse ope le yone puo tota ya mafatshe ao, mme seo se dire gore ba retelelwe ke go bona thuso e e maleba fa ba tsena kwa mafatsheng ao.
A re mo Botswana, seemo se ne se ngomola pelo ka jaana bana bao ba ne ba sa thusiwe go ikoketsa dithuto kwa dikoleng tse dikgolwane go sa kgathalesege gore maduo a bone a mantle go le kae.
Tona o ne a tswelela a re ngwana wa go nna jalo jaanong o letlelesega go nna le Omang fa go na le bosupi jwa gore ga gona lefatshe lepe le a le itseng kwa ntle ga la Botswana.
A re ba ba eletsang go nna le boagedi jwa mafatshe oo-mabedi le bone ba letlelesega go ikopela go dira jalo.
Mo go tse dingwe, Tona Mokgware o ne a bua ka melawana ya pereko e e amang botsetse, a re borre le bone ba ka kopa malatsi ao.
Banni ba ne ba supa fa ba amogela tekodiso eo ka matsogo oo-mabedi ba supa fa dikgang tsa boagedi di ne di ba tshwentse.
Ba ne ba re ba amogela malatsi a botsetse ka dipaka di fetogile, ka jaana batsadi boo-babedi ba tshwaraganela tlhokomelo ya ngwana go tswa fela ka nako ya pelegi.
Bangwe ba ne ba re selo seo se tlaa baya dikhampani ka fa mosing ka batsadi bangwe ba bereka mmogo mme go ya botsetseng mmogo go ka ama tiro bobe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gontle Merafhe
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jun 2025