Breaking News

Kgotla Ya Manaledi e Tlaa Gokelwa Maranyane

26 Jun 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone a re Manaledi o mo lenaneong la 2026/2027 la go gokelelwa maranyane a inthanete a SmartBots.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Manaledi ka Labobedi, Rre Prince Maele, yo gape e leng Tona wa Thuto e Kgolwane, a re ke tsholofelo ya gagwe gore ngwaga o o tlang wa madi, ditirelo tsa maranyane a bogokaganyi di tlaa dirwa kwa kgotleng ya Manaledi go tsisa ditirelo gaufi le Batswana. O tsweletse a supa gore o eletsa go rotloetsa banana ba Tswapong Bokone go tsaa karolo mo itsholelong ya Botswana ka go nna bagwebi ba maemo a ntlha.

“Boswa jo re ka bo fang bana ba rona ke go nna bagwebi ba tlhwatlhwa, go dira ka diatla ba sa ipone tsapa,” ga rialo Rre Maele.

A re o tshwere ka thata go tlhabolola thuto e kgolwane ya diatla, e le tsela e nngwe ya go aga itsholelo e e mashetla le go tlhabolola matshelo a banana mo Botswana.

“Malatsing ano go thata go isa bana sekoleng, fa ba fetsa ra re ba thapiwe, mme go dingalo. Keletso yame ke go dira bagwebi, ka gore fa motho a na le diatla, o ka tshwaratshwara a itirele,’ ga bua Rre Maele.

O supile fa puso e santse e sekaseka lenaneo la banana le le neng le itsege ka YDF. O tsweletse a supa gore goromente o tsere tshwetso ya go atolosa mafelo a bookelo (healthposts) otlhe go nna dikokelwana (clinics) fa seemo sa itsholelo se tokafala, e le tsela nngwe ya go tokafatsa mhama wa botsogo mo metseng.

Rre Maele o tshephisitse banni ba Manaledi fa a tlaa sala dikgang tsa ditsela morago a di pataganetse le mokhanselara wa motse le lephata la ditsela. O  rotloeditse banni go ikgolaganya le therisanyo ya ditlhabololo tsa lefatshe (NDP 12) ka go ntsha megopolo ya gore ba eletsa go bona ditlhabololo dife.

 Banni ba lebogetse kokeletso dituelo di tshwana tsa bagodi, bana le Ipelegeng. Ba supile fa ba solofetse go le gontsi mo pusong e ntsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Manaledi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2025