Breaking News

Thuto ya tiro ya diatla e botlhokwa - Kedikilwe

26 Jun 2025

Banana ba Dimajwe mo kgaolong ya Serowe Bophirima, ba rotloeditswe go tsena dikole tsa ditiro tsa diatla ka di le bogadi bo gaufi.

Mopalamente wa Serowe Bophirima, Rre Onalepelo Kedikilwe, o buile jalo fa  a buisa phuthego ya kgotla kwa Dimajwe ka Labobedi. Rre Kedikilwe a re bana ba ba sa fetelang kwa mmadikole ba tshwanetse go ya go dira tiro ya diatla.

A re batho ba ntse ba tsaya gore dithuto tsa dikole tsa diatla di kwa tlase mme ese boammaruri, nnete e le gore thuto ya dikole tsa diatla e ka fetola matshelo a Batswana. O kgothaditse banana gore ba ba tlogetseng ditlankana kwa dikoleng ba ye go di tsaya gore ba kgone go ipatlela diphatlha kwa dikoleng tsa diatla.

“Ke kopa ka tsweetswee le latela ditlankana le ikopele kwa dikoleng tsa diatla,” ga bua Rre Kedikilwe.

A re ga go ganwe ka ditlankana, fa ngwana a sa duela kwa sekoleng a re kgang ya teng e sale le batsadi, ngwana e a tsweletse le sekole. Mopalamente o supile fa dikatso tsa dikole tsa diatla di dule kwa go P300 go ya kwa go P1 900. O boletse fa puso e tshwenngwa ke letlhoko la ditiro bogolo jang mo bananeng.

Fa ba mo kgwa dikgaba, monni wa Dimajwe Rre Onkemetse Keoreng, o tlhalositse fa dialogane kwa dikoleng tsa diatla ba le teng mme ba ba filweng ditiro tsa motse ba palelwa ke go fetsa ditiro tsa dikago tsa puso mo motseng ka gore ga ba ise ba thapiwe ke dikhampani tse ditona go ba rutuntsha.

O ngongoregile ka tsela ya Mmashoro-Dimajwe, a supa gore e maswe thata e itsa bagwebi go ya Dimajwe. Rre Kgomotso Lebuo o ledile ka go tlhoka ditsha, a supa fa batla ditsha tsa bonno le masimo go lema ba ijesa ka gore ga gona mebereko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Dimajwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2025