Breaking News

Ba Rotloediwa Go Ithoba Dingalo

26 Jun 2025

 Modiri wa pele wa moepo wa Debswana, Rre Rebagamang Sekgekge, o kopile maloko a mokgatlho wa Badiri ba Meepo Pensioners Association go dirisa madi a bone.

O buile se ka Labobedi kwa bokopanong jwa bone jwa ngwaga jo bo neng bo tshwerwe ke lekalana la Serowe. Rre Sekgekge a re ba dirise madi a bone ka ga ba a bolo go a kokotletsa, ka jalo ba tshwanetse  go a dirisa ka kelelelo.  A re jaaka ba berekile go le thata ba tshwanetse go ithoba dingalo.

A re o tshwenngwa ke badiri ba pele bangwe ba ba sa diriseng madi a bone a go tlogela tiro ka bogodi ba ntse ba re ba sale bannye. O tsweletse a ba gakolola gore ba tshwanetse go etela mafelo a bojanala ba iphokise phefo, a supa gore ba mo dingwageng tsa bone tsa bofelo tsa botshelo. A re ba tshwanetse go dira dilo tse ba di batlang ba di rata ka gore ga go na sepe se se ba kgoreletsang.

Rre Sekgekge o tsweletse a ba gakolola gore ba ithute dilo tse di sha jaaka tiriso ya maranyane. A re mo malatsing a gompieno, sengwe le sengwe se dirwa ka maranyane, a ba kopa gore ba ithute go a dirisa le gone ba a dirise sentle. A re go tlogela tiro ka bogodi ke nako ya go tshela sentle le go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba se ba tshelelang mo go sone.

E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa lekana la Serowe Rre Lazarus Botshelo, a re bone e le mokgatlho, ba na le letlhoko la go aga setsha se ba se rekileng kwa kgotleng ya Makolojwane. A re ba kopa mongwe fela yo o ka ba thusang go se aga. O ile a tswelela a kopa maloko go tshwaragana gore batle ba kgone go bopagana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Bokopano

Date : 26 Jun 2025