Breaking News

Tona o kopa khansele go fa dialogane ditiro

25 Jun 2025

Mopalamente wa Goodhope/ Mmathethe, Dr Edwin Dikoloti o kopile khansele go abela  dialogane tsa lenaneo la tlhabololo dikitso la Ipelegeng ditiro.

O buile mafoko ao kwa Sekhutlane ka Labobedi mo moletlong wa kaloso ya dialogane tsa lenaneo la Ipelegeng la go tlhabolola dikitso (Skills Development). Dr Dikoloti a re go abela dialogane dingwe tsa ditirelo go  tlaa ba thusa gore ba gole mo dithutong tsa bone mme gape ba tlaa thusa ba malwapa a bone le setshaba ka kakaretso.

Mo palong yotlhe ya dialogane tse di masome a mabedi le bongwe, gona le dialogane tsa kago, tsa go penta le tsa go betla. Dr Dikoloti o supile fa kaloso eo jaanong e tlaa ba fa ditshono tse dintsi mo botshelong tsa go itshetsa. 

Mopalamente o supile gore e re le ntswa Sekhutlane e le motse oo kgakala le ditlamelo, dialogane tseo jaanong ke tsone sekao, e bile a dumela fa jaanong go sena yoo tlaa salelang kwa morago. Rre Dikoloti o gakolotse dialogane tseo gore ba bereke jaaka ngatana ka gore ba tshwere dithuto tsedi farologaneng, a supa fa seo seka netefatsa gore mongwe le mongwe o dira tiro ya gagwe ka botswa pelo.

Fa a tswa la gagwe Modulasetilo wa khansele ya Goodhope Rre Gofaone Nkwane o tlhaloseditse dialogane tseo gore e seka yare ka gore ba tshwere ditlankana, jaànong ba neela tshwene marapo. O supile fa jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go itse gore ba tlile go gaisana le ba bangwe ba ba saleng ba feditse dithuto.

“Go bereka ka thata, boitshoko le boikokobetso ke tsone di tlaa le kgontshang dikgwetlho tsa botshelo,” ga bua rre Nkwane.

Mongwe wa dialogane Mme Segomotso Seumako o supile fa a tletse boitumelo e bile a le motlotlo ka phitlhelelo ya gagwe. O kopile setshaba go inaakanya le lenaneo leo, a supa fa Ipelegeng e se tiro ya sennela ruri, fa go ithuta gone e le boswa jwa botshelo jotlhe e bile motho a ka batla tiro go sele.

Mogokaganyi wa lenaneo la Ipelegeng Rre Moengele Otlae a re dialogane tseo di simolotse dithuto bale masome a mabedi le bongwe mme ka lesego ba feditse go sena yoo tlogetseng mo tseleng. O supile fa ba bereka le ba sekole sa CITF se se kwa Phitshane Molopo, a re ke bone batlhatlhelela dithuto e bile ba netefatsa gore tiro e e dirwang keya maemo a ntlha. Rre Otlae o tlhalositse fa ditlankana tseo tsa bone jaanong di ba letlelela go batla tiro gongwe le gongwe, a supa fa seo se tlaa fokotsa thata go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Sekhutlane

Event : Moletlo

Date : 25 Jun 2025