Direlang Babereki Di Teseletso
25 Jun 2025
Banni ba Gootau ba ba thapileng batswakwa ba kopilwe go direla babereki ba bone dipampiri tsa teseletso tsa pereko.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla ka Labobedi, Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele a re puso e tshwentswe ke dikgang tsa batswakwa ba ba berekang mo Botswana e se ka fa molaong. O supile fa puso e tsile go gagamaletsa ba ba thapang batswakwa ba sena tetla ya go berekela mono molao.
Fa a bua ka kgang ya P4 000 wa dituelo tsa babereki ba dituelo tse di kwa tlase, Rre Maele Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Thuto e Kgolwane a re go supega go na le ketsaetsego ka kgang e ka gore Batswana ba botsa ka badisa le bathusi mo malwapeng gore a le bone puso e tsile go ba tlama go duelwa P4 000. Rre Maele a re dituelo tsa P4 000 di tsile go ama babereki ba puso ba ba santseng ba amogela kwa tlase ga P4 000 le babereki fela botlhe ba ba berekang dikhamphani tse di ikemetseng.
“Dikhamphani fela tsotlhe tse di kwadisitsweng ka fa tlase ga CIPA di tsile go amiwa ke molao o wa P4 000, mme pele re dira o ne molao o, re le puso re tshwanetse go ikatega pele,” Rre Maele a supa.
O supile fa bagwebi ba ba botlana (informal sector) basena go amiwa ke molao o, tsholofelo e le gore fa puso e sena go baakanya seemo sa babereki ba yone, ke gone e dire molao go tlama bagwebi ba ba botlana fela botlhe, go duela P4 000 le go feta foo. Rre Maele o tsweletse a tlhomamisetsa banni ba Gootau gore puso e itlamile go dira molao wa health insurance, e le tsela ya go tokafatsa seemo sa botsogo mo Botswana.
“Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona bongaka le dithuso tsa botsogo tse di maleba, e bile ke tsholofelo ya rona gore fa itsholelo ya lefatshe e siama, re dire tshutiso ya molao kakanyetso,” Rre Maele a tlhalosa.
Rre Maele o tsweletse a rotloetsa botlhe ba ba duelelwang ke lephata la gagwe mo thutong e kgolwane go dira ka natla gore go se ka ga nna le dikgang tsa go kopa puso go ba duela gape ka ba sa dira sentle kwa sekoleng.
“Mo bo gompienong, re na le bana ba le 25 000 ba ba sa dirang sentle mo lekwalong la botlhano (Form 5), mo ke sa itseng gore re ya go badira jang, jaanong go botlhokwa gore ba ba kgonneng go bona dithuso ba dire ka tlhoafalo,” Rre Maele a tlatsa.
Fa a ntsha la gagwe, Mokwaledi wa khansele ya Palapye, Rre Oboikanyo Koti a re sekole se se botlana sa Gootau se tlhoka P2.1 million go baakangwa le go ntshafadiwa dikago. Rre Koti o supile fa kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, dikole tsotlhe tse di botlana di le mo seemong se se sa nnang sentle.
“Dikole tse di mo kgaolong ya rona di masome a mararo le bosupa, mme go supegile fa tsotlhe di tlhoka go ntshafadiwa. Sekole sa Gootau se mo maemong a lesome le borobabobedi mo lenaneong la khansele la go ntshafatsa dikago, e bile mo bo gompienong re setse re simolotse ka sa ntlha go ntshafatsa,” Rre Koti a tlhalosa.
A re fa seemo sa itsholelo se tokafala, tsholofelo ke gore lephata la khansele le tlaa seegela fa thoko madi a a tlhokegang go dira tiro e. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gosaitseope Mareko, o supile fa ba tlhoka moalo wa go ntsha metsi a pula mo motseng, a re motse ga o tsamege fa pula e nele. O ne gape a kopa khansele ya Palapye go oketsa baoki kwa Gootau, go tswa kwa bobeding go ya borarong, ka tiro e ntsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Gootau
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2025