Breaking News

Salakae o gwetlha morafe go itshekatsheka

25 Jun 2025

Mopalamente wa Ghanzi, Rre Noah Salakae o ebileng e le Tona wa lephata la Dipalamo le Dikago, o kgothaditse banni ba Ghanzi go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.

O buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Ghanzi bosheng.  Rre Salakae o buile a sa kgale mathe ka fa kgokgontsho e gomagometsang go phutlhamisa lefatshe leno ka teng. A re ntswa puso e thubile lobelo go tla ka methale ya go lwantsha mmaba o mo setshabeng, ke tshwanelo ya mongwe le mongwe go itshekatsheka le go netefatsa gore ba ema kgatlhanong le kgokgontsho gore e seka ya kukela ka bokete.

Rre Salakae o ne a gwetlha makgotla a dikereke go ema puso nokeng, ka go rera lefoko la Modimo go leka go lemotsha setshaba ka bodiphatsa jwa kgokgontsho, mme ba sokologe mo meweng gore go nne le thokgamo mo setshabeng ga mmogo le kwa malwapeng.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ka maswabi go na le baruti bangwe ba e leng diphiri tse di apereng matlalo a dinku, ka jaana ba amega mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bomme le bana. Ka jalo, o ne a ba gwetlha go kgala mokgwa oo, ka jaana o kgotlela sedumedi mme e bile o ka nna le botlhabetsi jwa go paledisa maiteko a puso go fedisa seemo se. O ne a tswelela a tlhalosa fa bomme le bana e le sone setlhopha se se amegileng ka bokete mo dikgannyeng tsa kgokgontsho, mme a ba kopa go itsaya motlhala go leka go ikimolola manokonoko a kgokgontsho.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Salakae o ne a itsise morafe fa  palamente  e e tsenang ka Phukwi, go tlaa sekasekwa melao kakanyetso e ka tshwara masome a matlhano. O ne a supa fa mo melao kakanyetsong, e tlaa akaretsa wa molao motheo, melao e e tsamaisang makgotla a tshwana le matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC), Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Air Botswana le tse dingwe. A re maikaelelo ke go leka go tsosolosa makgotla ao, gore a kgone go itshetlela go dira letseno le le ka thusnag go tsosolosa itsholelo.

Mo dikgannyeng tsa BMC, o ne a supa fa ba tlaa bo ba itebagantse le go dira melao e e tlaa tlhabololang mhama wa theko le thekiso ya nama ya kgomo. O ne a tlatsa ka gore puso e kgonne go rekisetsa nama kwa mebarakeng ya Democratic Republic Of Congo(DRC) le China. O ne a gwetlha barua kgomo go ititaya ka thupana go netefatsa gore ba fitlhelela seelo se se batliwang ke mebaraka eo.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Annah Rankho wa Ghanzi o ne a lebogela mafaratlhatlha a ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong. O ne a tlhalosa fa ditlhabololo di le botlhokwa ka jaana di thusa go ngoka babeeletsi mme phelelong go godise itsholelo ya kgaolo. O ne a supa fa ba lebogela ditlhabololo di tshwana le mafaratlhatlha a kgopo ya metsi a a leswe, ditsela tsa mo mebileng, paakanyo ya diofisi tsa lekgotla la Setswana le paakanyo ya sekole sa Itekeng Community Junior School.

Mo go tse dingwe, Kgosi Rankho o ne a lela ka go gola ga dikgang tsa borukutlhi di akaretsa bogodu jwa leruo, dipolao, kgokgontsho ya bong, le boimana jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase. O ne a itela mo morafeng go nna seope se  le sengwe, mme ba fetole dikakanyo go fedisa dikgang tse tsa borukutlhi gore kgaolo ya bone e robalelwe ke ditlhokwa ba kgone go ngoka babeeletsi.

Modulasetilo yo o okametseng dikomiti tsa motse, Rre Jecter Marambe o ne a lela ka mosuke wa baithuti ba ba ka tshwarang 1 500 kwa sekoleng sa Itekeng, palo e a reng e tlhoka puso go e tsibogela ka go aga sekole sa bobedi. O ne a kopa gape gore puso e tsibogele seemo sa go tlhomamisa kgaolo ya bone go nna toropo gore ditogamaano le tsone di bopiwe ka fa tshwanelong go itepatepanya le seemo sa toropo. 

Rre Marambe o ne a tlhalosa fa kgaolo ya Ghanzi e tumile ka thuo ya dikgomo mme a supa fa ba kopanetse molelwane le kgaolo ya Ngamiland, ka jalo a kopa gore go tsenngwe terata ya motlakse go laola mosepele wa diphologolo le leruo, go hema kgonagalo ya kanamo ya malwetsi.

Mo dikakgelong, monni Rre Sox Kebadile, o ne a ikuela ka tiego ya kabo ditsha tsa bonno kwa Ghanzi a kopa gore maphata a puso ba seka ba baya ka fa mosing dikhampani tsa beng gae kwa Ghanzi mo kabong ya dithendara. Mme Dineo Swartz ene o ne a ikuela gore go sekasekwe lenaneo la go thusa bomme ka dithuso tsa madi morago ga gore le emisiwe ka ngwaga wa 2010.  A re lenaneo leo, le ka thusa bomme go itlhabolola go iphalotsa manokonoko a lehuma. Rre Monyatse Mbise ene o ne a lela ka tiego ya dikgang tsa bogodu jwa leruo, a kopa gore puso e di ntshe kwa makgotleng a ga mmakaseterata, mme di neelwe ba makgotla a Setswana.

Mo mafokong a gagwe a malebo, moemela modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Poifho Ditshwene o ne a kopa tshwaragano ya bodiredi le setshaba gore go nne bonolo go isa ditirelo kwa setshabeng kwa ntle ga makgwere ape. O kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, a supa fa kgaolo e lebanwe ke kgwetlho ya maduo a a sa itumediseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2025