Breaking News

Batshwara ditlhapi ba tlaa dika ba jele

25 Jun 2025

Batshwara ditlhapi ba metse e e kwa Chobe Enclave go tswa Mabele go ya Parakarungu, ba itumeletse go tshela ga noka ya Chobe monongwaga.

Go tshela ga noka ya Chobe go bakiwa ke go penologa ga noka ya Zambezi, e e fetisetsang kwa nokeng ya Chobe go ralala Chobe National Park, Ngoma, Muchenje, Mabele, Kavimba, Kachikau go hetela kwa makadibeng a Satau.

Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa batswara dithapi kwa Chobe, Rre Kamwi Mbanga o tlhalositse fa go tshela ga metsi go simolola ka Mopitlo, go tsisitse botshelo mo batswaring ba ditlhapi. A re mo nakong ya gompieno, ditlhapi di boutsana mo makadibeng ka ntlha ya gore noka e ne e sa tshela ngwaga o o fetileng, a tlatsa ka gore go le gantsi ba tshwarela go ja kwa malwapeng.

Rre Mbanga a re nako e gorogile gore batshwara ditlhapi ba letlelelwe go tshwara kwa Linyanti, kwa ditlhapi di leng dintsi teng. A re khamphani nngwe e e gwebang ka bojanala kwa Linyanti, e ba kgaphetse ntle gore ba seka ba tsena teng, go itsa kgopakgopetsano le bajanala le fa gone batshwara ditlhapi ba tswa kgakala ba tshwara teng go sena mathata.

Rre Mbanga o tlhalositse fa ba kopane le Mopalamente wa Chobe, Rre Simasiku Mapulanga bosheng, go rarabolola dikgogakgogano tsa go tlhoka go letlelelwa go tshwara dithapi kwa Linyanti, mme a ba solofetsa fa a tlaa kopana le ba khansele ya Chobe, Chobe Landboard, Wilderness Safaris le ba lephata la Diphologolo le Makgabisa naga. O kaile fa dithapi e le konokono ya matshelo a bone kwa Chobe.

Motswhara dithapi kwa Muchenje, Rre Chandapiwa Mokozi a re go tshela ga noka go tsisitse boitumelo mo matshelong a bone. A re e sa le noka e tshela ka Mopitlo, ba bo ba fudugela kwa Ngoma go ya go tshwara dithapi, mme erile metsi a fetela kwa Muchenje ba fudugela teng go tshwara gaufi le kwa lwapeng.

O buile fa noka e tsisitse boitumelo le mo tikologong, diphologolo tsa naga le leruo ka dikgomo tsa bone di bone dijo le metsi. A re mo nakong ya gompieno ba tshwara ditlhapi ka di ditshipi tse di kgogetsang e seng matloa, se e le go netefatsa gore ditshidi tse di nwang metsi jaaka dinonyane ga di tshwarwe ke matlowa a. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Muchenje

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2025