Breaking News

Poko e latlhegelwa ke tatso

24 Jun 2025

Sekgantshwane sa poko, Rre Kobamo Kgweba wa Goo-Ntloedibe kwa Molepolole, a re poko ya setso mo metlheng eno e latlhegetswe ke tatso. 

A re poko ya gompieno e kgotlelesegile ka gore baboki bangwe fa e sale puso e letsa sefadi gore ba ka atswiwa, bontsi bo setse bo dirisa poko go leleka ramatheka e seng go supa bokgabane. Se sengwe a re baboki bangwe ba rata go etsa ba bangwe, ba sa dire ka fa tlhotlheletso ya moya e ba bolelelang ka teng.

“Poko e kgotlelwa ke dikgang tsa madi. Bangwe ba re ke baboki, mme ba tsile mo go yone ba utlwaeletse madi, bangwe re tsene mo go yone re le mo dikgolaganong tse di sa godiseng poko,” Rre Kgweba a supa.

Poko ke selo se se kgethegileng mme ebile se dirwa ke motho a na le ponelopele, ga bua Rre Kgweba.

“Mmoki nka go raya ke re ke moporofite, nka go raya ke re ke moagi. Fa re ntse re batlisisa ke tlaa go raya ke re, re ipotse gore ke eng Rre Moroka Moreri e le moruti, Dipako Sesienyane, Kaone Mahuma, jalo jalo e le baruti. Moswi Rabojalwa Keetile e ne e le moruti. Se se ntse se go amanyetsa kwa batho ba ba kgethegileng bao. Baebele e kwadilwe ke baboki. E kwadilwe ke batho ba ba kelotlhoko,” Rre Kgweba a tlhalosa.

O tlhalositse botlhokwa jwa gore baboki ba ba dirang  poko ba sa leleka sekgwama, ba tshwaragane gore e seka ya tloga ya  swa swi! 

“Pele e ne e re fa mmoki a ema a boka, o ne a sa tle le mmamogolokwane. E tlaare fa a boka segalo sa gagwe le molaetsa o utlwala mo lebokong, o tlaa utlwa mogolokwane o itaya gareng ga babogedi,” Rre Kgweba a kaya.

Gompieno melawana ya dikgaisano e pateletsa gore fa o le mmoki, mmamogolokwane a bo a le fa thoko ga gagwe. Mogolokwane o tshwanetse go iphesa. Ke gone bogologolo mo go neng go twe, mmoki o boka a gwetlhega, ga tlhalosa  A re e ne e re fa kgosi a biditse lobatla, mafoko a gagwe kgotsa a morafe fa o akgela a kgona gore a emeletse mmoki. 

“Fa kgosi kana tona a goroga, fa ditiro tsa gagwe di ntse di diragala koo, motlhang mmoki a kopana le ene ka letsatsi le lengwe o ne a tsapoga a mmoka a sa tewa ke ope gore a mmoke, le fa a ntse a tsweletse a buisa morafe, mmoki o ka mo kgaupetsa ka poko go galaletsa mafoko a gagwe, seo ke lone lobebe la poko ya Setswana,” ga tlhalosa Rre Kgweba.

Rre Kgweba a re ga se gore poko nngwe le nngwe e tlamega go duduelediwa ka gore e nngwe poko e ka nna ya mahutsana kgotsa ya matlhotlhapelo e e supang go kgala kgotsa boitlhobogo. O gateletse gape gore le ene ke sekao se se tshelang se se supang gore mmoki ke motho yo o nang le tebelopelo mo go tlhabololeng tshaba ya gaabo a re mo ngwageng ono, o sa tswa go tla ka modiro wa go ipelela thobo yo a o bitsang Dikgakololo, o ka one a kopanyang balemi le morafe go fana maele a temo. A re se ke tiro e e supang tebelopelo ka morafe wa gaabo le ngwao ya gaabo.

Rre Kgweba, yo o dingwaga di masome a mararo le borobabobedi (38), a re batho le puso ga ba itse gore modiragatsi ke eng mo lefatsheng, ba mmona e le go monatefisi fela. A re badiragatsi ba ba biditsweng ke Modimo ba na le ponelopele le lorato la go ntlafatsa metse ya bone ka ba tshwanelwa ke gore ba bidiwe fa go na le dikakanyo tsa ditlhabololo tsa morafe ka gore ke batho ba ba bonelang kwa pele morafe le tikologo ya morafe.

“Dikgaolo ka bontsi di neetse bataki ba ba farologanyeng ba ba ka nnang le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa metse ya bone ka ba neilwe botlhale jwa go lebela morafe ka fa o ka ntlafalang ka teng. Badiragatsi ga ba nke ba tsewa go nna le seabe sa bogakolodi jwa lefatshe, ba lemogiwa gore ba tlhaloganya eng, ba lemoga eng segolo jang fa go dirwa mafelo a a amang ditso le ngwao,” ga bua Rre Kgweba.

Rre Kgweba yo o dumelang mo seaneng se se reng ‘rutang bana ditaolo le seye natso badimong’ o kopile ba ba nang le dineo tsa bodiragatsi go di ruta morole o mosesane gore ngwao e seka ya ya le mogwang borwa. O supile fa e le ledibela-ngwao la motia ka mo sebakeng se, a setse a rutile barwa ba gagwe poko mo ebileng a setse a tsamaya le bone go boka kwa meketeng go dira dipenenyana.

“Bongwanake ba tsere malebela mo pokong e ke e dirang, ka jalo ba kgatlhega, ke bo ke ba tlhatlhelela e bile ba tla sentle. O monnye o ne a  boka ka letsatsi la barutana. Lore lo ojwa lo sale metsi, ke ka moo ke boneng gore ke ba rute segaabo ba santse ba le bannye gore ba gole ka yone, ope a seka a ba latlhisa ngwao ya bone. Yo motona, ebong Ketso, o dingwaga di lesome mme o dira lokwalo lwa botlhano kwa Sebele Primary School fa yo monnye, Sekao, a na le dingwaga tse tlhano mme o tshwanetse go aloga kwa sekoleng sa bananyana. Ka na fa o sa itse ngwao ya gago o tlaa dumela sengwe le sengwe se baditshaba ba reng o sone,” Kgweba a e baya mhiko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 24 Jun 2025