Breaking News

Kgolegelo ga se phelelo ya botshelo

24 Jun 2025

Mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Helen Manyeneng, o rotloeditse bomme ba ba dira-melato ba kgolegelo ya Mahalapye go se nne le mowa wa boitlhobogo le go lelela ruri, a re ba ikemele ka dinao go itirela bokamoso ka  kgolegelo e se phelelo ya botshelo.

O buile se fa a le mo loetong la go tlhola badira-melato a re ba lebale ka tse di kwa morago, ba amogele seemo se ba leng mo go sone mme ba ithute go tshela le sone gore ba kgone go betla tsela go ya pele. Mme Manyeneng yo gape e leng Mopalamente wa Mmopane/ Metsimotlhabe, o supile fa itsholelo ya bomme e le kwa tlase ga ya borre fela thata e bile bomme ekare ba tshabelelwa ke lehuma go feta borre ka dikgwetlho tsa bone tsa malwapa di le dintsi.

A re bomme ke thari ya setshaba ba lebagane le kgodiso ya bana le ya malwapa a tswelela ka go re fa ba le mo kgolegelong jaana, ba tshwanetse go tsweledisa dithuto tsa bone gore ba kgone go itshetsa fa ba tswela kwa ntle. A re ditiro tsa diatla di botlhokwa ka jaana malatsi a segompieno a tlhoka gore motho a bo a na le mowa wa boipelego. 

“Re lebile gore le re thuse go baakanya lefatshe, gape le tshwanetse go itse gore le fa le le mo kgolegelong le ka tswa molemo,” ga bua Mme Manyeneng.

Mme Manyeneng o tsweletse ka gore ba batla gore go nne le thulaganyo ya gore ditlankana tse ba di tsayang kwa kgolegelong di bereke le fa ba tswela kwa ntle. Fa ba bua matshwenyego a bone, bomme ba ba dira-melato, ba kopile gore ba tokafalediwa kokelo ya kgolegelo ba supa fa ba sa kgone go bona tlhatlhobo ka jaana bangwe ba na le makoa a a tlhokang bongaka kgapetsakgapetsa.

Ba supile gape fa ba tlhoka go rutwa ka ikopelo boikuelo (appeal) ya dikgetse tsa bone ka jaana e se botlhe ba ba tlhaloganyang tsamaiso eo. Bomme ba, ba tsweletse ka go re ba kopa gore ba baakanyediwe mokgwa o ba ka tlhabang mokgosi ka one fa ba tlhoka thuso ya potlako kwa marobalong.

Ba re fa ba kua mokgosi go tsaya lobaka lo loleele go bona thuso le fa ba na le seemo se tshwana sa botsogo sa tshoganyetso kgotsa sepe fela se se ka tlhagogang sa potlako. Ba ne ba supa fa ba tlhoka motlobo wa dibuka gore ba kgone go tsweledisa dithuto tsa bone ka go farologana, ba supa fa ba na le kgatlhego mo tirong ya diatla, ba kopa gore ba rutwe dithuto tsotlhe fela tse borre ba di rutwang jaaka bobetli le tsa kago.

Ba kopile gape gore go nne le kgolegelo ya bomme e e ikemetseng ka nosi, ka gore fa ba tlhakana le borre, ba tsewa fela ka go tshwana go sa lebelelwe gore diemo tsa bone ga di tshwane. Ba kopile lefelo le ba ka lekolwang ke bana ba bone ka ba ba tlogetse kwa malwapeng, mme go tsaya lobaka gore ba ba bone segolo jang ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. Mme Manyeneng a re tse di ka baakanngwang mo nakong e khutshwane di tlaa sekasekwa, mme tse e leng gore ke tse di amang molao ba tlaa  di lebisa ba molao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Mahalapye

Event : Loeto

Date : 24 Jun 2025