Maele o solofetsa ditirelo kwa ditsheng
23 Jun 2025
Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone, e bile e le Tona wa Thuto e Kgolwane, Rre Prince Maele, o solofeditse banni ba Ratholo gore o tlaa sala morago kgang ya go tsisa ditlhabolo mo ditsheng tse di setseng di beilwe.
Fa a buisa phuthego kwa motseng oo, Rre Maele a re go botlhokwa gore ditlhabololo tsa metsi, motlakase le ditsela di dirwe mo ditsheng tse di abilweng gore batho ba kgone go aga.
“Ke a le solofetsa gore ke nngwe ya dikgang tse ke tsileng go ema ka dinao e bile ke sa itsape, gore metse ya rona e tswelele e gole, e tlhabologe,” Rre Maele a supa.
O boleletse banni ba Ratholo gore o kgatlhanong le dikgogakgogano, e bile o tlaa ikgogela morago mo dikgannyeng tse batho ba lwelang bogosi kana maina a metse.
“Ke direla Batswana botlhe, Tautona Advocate Duma Boko o papamaditse gore ga re a tshwanela go kgetholola ope. Nna ga nkake ka tsena epe kgang ya go lwela bogosi kana leina la motse. Ke motho le bontle, kagiso le thokgamo,” Rre Maele a supa.
Rre Maele o supile fa ba tsile go dira tshutiso ya go baakanya molao motheo wa lefatshe la Botswana kwa palamenteng ya mariga.
“Ditsetlana di tshwana le ya gore Batswana ba itlhophele tautona le tse dingwe,” Rre Maele a tlhalosa.
O supile fa puso e tlaa baakanya dituelo tsa P4 000 mo badiring ba yone, go bo go sala morago o jaanong o tlaa tlamang dikhamphani go duela P4 000 go ya godimo. Rre Maele o tsweletse a rotloetsa Batswana go tsibogela mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.
Fa bua ka lenaneo la puso la Bonno, Rre Maele a re kgaolo ya gagwe e neetswe boikarabelo jwa go aga matlo a le 1 000 e le nngwe ya methale ya go thusa go rarabolola tlhaelo ya matlo a badirelapuso. O gakolotse fa kgwedi ya Seetebosigo e le yone ya bofelo go anya thulaganyo ya puso gore batho ba ipobole, go fokolediwa sekoloto sa metsi.
“Fa o na le sekoloto sa metsi se se welang mo kgweding ya Sedimonthole 2024 go ya kwa morago, puso ya re o tlaa duela sephatlo sa sekoloto fa puso e duela sephatlo se sengwe, mme go tswalwa kgwedi eno e fela,” Rre Maele a tlhalosa.
Kgosi Ditshotlo Mangadi wa Ratholo, a re selelo sa bone ke letlhoko la kokelo. “Tsotlhe re ka di bua, mme fela, selelo sa rona se se tona ke kokelo,” Kgosi Mangadi a supa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Ratholo
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jun 2025