Breaking News

Borre ba kopilwe go nna le pelo ya lorato

22 Jun 2025

Moruti Atlholang Ngwigwa wa kereke ya Spiritual Healing kwa Tutume o kopile borre go nna lorato le boikanyego mo go ba ba tshelang le bone.

Moruti Ngwigwa o ne a buisa bokopano jwa borre ba ba berekelang kwa khanseleng le ofisi ya ga molaodi kwa Tutume ka Labotlhano.

A re borre ba tshwanetse go nna le lorato mo go bomme ba bone le bana, go aga malwapa a a nonofileng.

O ne a ba kgothatsa gore fa ba raletse dikgwetlho tse di ka tsholetsang maikutlo, ba tseye nako go ngathogana matshwenyego a bone le bangwe ba ba gaufi le bone, baruti kgotsa ba ba rutetsweng go sidila maikutlo.

Moruti a re lefatshe ga le a tsoga ka dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng le dipolaano tsa baratani tse di diragalang letsatsi le letsatsi.

A re go itseela botshelo ga se tharabololo ya mathata, mme ke go tsisa matshwenyego mo go ba ba salang, a gatelela ka go re tshipi e loodiwa ka tshipi, motho le ene o gakololwa ke yo mongwe.

O ne a gwetlha borre bao go nna le kamano le bana ba bone gammogo le go tsenya letsogo mo kgodisong ya bone ka go nna le seabe mo thutong ya bone.

Moruti Ngwigwa a re bana ba batla kgodiso le tshwaragano ya batsadi boo babedi go ba betla gore ba nne le isago e e molemo.

Borre ba ba neng ba tsene pitso eo ba supile kgatlhego mo dithutong tseo,ba bolela fa di ba butse matlho.

Rre Gothusamang Monthe o ne a bolela fa a eletsa gore kgotla ya bone e ka gola ya ba solegela molemo ka go fetola matshelo.

Rre Jimmy Makgado ene o ne a gwetlha borre go nna le boikarabelo, go rata malwapa a bone le go a tlhokomela.

Rre Makgado a re go na le borre ba e reng kgwedi e fedile ba nyelele mme ba iponatse kwa malwapeng morago ga malatsi ba tla ba iphotlhere fela, a gatelela ka go re borre ba tshwanetse go itse gore lelwapa le tla pele ga dilo tsotlhe.

Kgosi Phuthego Senokwane wa kgotla eo ya babereki o ne a kopa borre go ikatumetsa fa pele ga Morena.

Kgosi Senokwane a re borre ba maoto a tshupa mo mererong ya kereke ntswa e kgona go aga motho go mo fetola mme a kgone go itshokela dikgwetlho tse a di ralalang.

Kgosi o ne a leboga borre ba kgotla ya gagwe go bo ba tlotla kgotla le go e godisa. Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go ipelela letsatsi la borre ka setlhogo se se reng Pelo ya Rre. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Bokopano jwa borre

Date : 22 Jun 2025