Lekgotla le tlhophile komiti
22 Jun 2025
Maloko a lekgotla la Manual Workers Union a kgaolo ya Tutume a tlhophile komiti e ntsha.
Mo maemong a bodulasetilo, Rre Lebisang Boitshwarelo, yo o neng a phadisana le Rre Pitso Ramosarwa, o ne a tlhophiwa ke batho ba le masome a robabongwe le borobabongwe, fa Rre Ramosarwa a tlhophilwe ke ba le masome marataro le bobedi.
Maemo a bokwaledi a ne a gapiwa ke Mme Onneile Dobi ka batho ba le lekgolo le borataro, fa yo o neng a phadisana le ene Mme Ottilia Masocha a tlhophilwe ke ba le masome mane le borobabobedi.
Maemo a mothusa modulasetilo, mothusa mokwaledi le motshwara madi a ne a sena baganetsi, ka jalo Rre Oliver Ikanyeng, Rre Elliot Mbotho le Mme Smolly Vike ba a tsere go sena tsapa lepe ka go latelana ga bone.
Mme Maina George le Mme Maggie Keletso ba tlhophilwe e le ba ba tlaleletsang komiti.
E rile a amogela maduo, modulasetilo Rre Boitshwarelo a leboga maloko go bo ba bone a ka ba etelela pele.
O boletse fa a tlaa bo a dira le bone a beile tshepo yotlhe mo go ba ba tswang kgakala le merero ya lekgotla.
Rre Boitshwarelo a re ka tshwaragano le tirisanyo mmogo ba tlaa isa lekgotla leo kwa pele, mme seo se sa reye gore maloko a a ntseng a tswa ga a dira sepe.
A re komiti eo e ne e na le dinatla tsa banna le basadi ba ba popota ba ba neng ba itse se ba se dirang ba tshwere dikgang tsa lekgotla ka matsetseleko le bonokopila jwa maemo a ntlha.
O boletse fa letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo, ka jalo o tlaa tsweledisa fa ba emeng teng.
A re mme seo o ka se kgona ka tshwaragano, tirisanyo mmogo le kemo nokeng ya maloko a lekgotla.
O ne a gwetlha maloko go tlogela dipharologanyo mme ba bereke ba le seopo sengwe go lwela ditshwanelo tsa mmereki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Ditlhopho tsa lekgotla la Manual Workers
Date : 22 Jun 2025