Breaking News

A magosi a okediwe dithuto

22 Jun 2025

Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong a re nako e gorogile ya gore magosi a okediwe dithuto gore dikgetsi tsa bogodu jwa leruo di sekisediwe mo makgotleng a Setswana.

Kgosi o buile mafoko a mo phuthegong ya khansele kwa Good Hope bosheng.

Kgosi Lotlaamoreng II o boletse fa bone e le ba bogosi ba tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tsayang lobaka go sekwa.

O tsweletse ka gore se sengwe gape ke gore badira molato ba nna fela ba letlelelwa go letela ditsheko kwa ntle ga kgolegelo le ntswa ka dinako tse dingwe ba tshwerwe ka merwalo.

A re se se ngomolang pelo ke gore fa ba tswa foo ba tlaa bo ba ipoeletsa go senya mme ba ntshiwe gape.

Kgosi Lotlaamoreng a re ke ka moo go leng botlhokwa gore magosi a tlhatlhelelwe dithuto tsa go ranola molao gore batle ba kgone go neelwa dikgetsi tsa bogodu jwa leruo.

“Gape dikgosi di itse dikgomo botoka go na le bo mmakaseterata ka gore ba bangwe mo teng ga se Batswana,” kgosi a tlaleletsa.

O kopile gape gore ba bosekisi ba nne ba etela magosi gore ba kgone go rutana gore ba ka thusa Batswana jang ka bofefo le matsetseleko.

Mokhanselara wa Mosi/Mokgomane Rre Israel Mosala, le ene o ne a dumalana le Kgosi gore nako e gorogile ya gore melato ya bogodu jwa leruo e neelwe dikgosi.

O kopile gape gore molao wago letela tsheko kwa ntle o sekasekwe ka gore badira-molato ba nna fela ba ipoeletsa fa ba santse ba letetse tsheko kwa ntle ga kgolegelo.

Mo go tse dingwe makhanselara ba ne ba farologana ka megopolo mabapi le sephatlo sa polasi ya Banyana Farms e e abetsweng metse ya Mabule, Sekhutlane le Lorolwane.

E ne e rile go le pele molaodi wa Good Hope Rre Rapetse Mathumo a tlhalosa fa metse eo ka boraro e sa kgone go dumalana gore polasi eo ba e dirise eng.

O tlhalositse fa e setse e le ngwaga wa boraro polasi eo e sa dirisiwe sepe e bile dikago le terata ya yone di setse di onala.

Rre Mathumo o ne a kopa makhanselara gore ba akanyetse go tsaa tshwetso ya gore e re ka jaana ba ba neetsweng polasi ba sa kgone go dumalana, khansele e tsee tshwetso ya gore go ka dirwa jang go ya kwa pele.

E re le ntswa makhanselara a ne a farologana ka megopolo, kwa bofelong ba dumalane gore merafe ya metse eo e rerisiwa gore go tle go iwe kwa pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Good Hope

Event : Phuthego ya khansele

Date : 22 Jun 2025