Breaking News

Go nnela ruri mo lefelong le le lengwe ga badiri go a tshwenya

22 Jun 2025

Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng o supile matshwenyego ka badirela-puso ba ba nnelang ruri mo mafelong a le mangwe ba sa fudisiwe.

A re tiro ya puso e felela e boga ka gore ba na le meraka, masimo e bile le dikgang tsa motse ba setse ba di tsenelela.

O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele kwa Majwaneng ka Labone.

Mo go tse dingwe Kgosi Molebatsi o kopile puso go akanyetsa go atswa badiri ba ba fang balwetsi thuso kwa lapeng.

A re ba dira tiro e e bokete, ntswa ba sa duelwe, mme a re go ka nametsa fa puso e ka ba akanyetsa motlhang seemo sa itsholelo e tokafala.

O tsweletse a kopa puso go rotloetsa banana ba ba dirang tiro ya setshaba mo maphateng a puso ka go ba fa ditlankana tsa tebogo fa ba fetsa tiro ya bone.

“Ke nngwe ya ditsela tsa go ba rotloetsa le go ba lemoga gore le bone ba nne le sengwe se se supang gore ba kile ba bereka,” ga bua Kgosi.

O boletse fa letlhoko la boroko, le go tlhaela ga bodiredi e le mangwe a matshwenyego mo motseng.

Erile a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo e bile e le tona wa thuto e kgolwane, Rre Maele a re metse ya kgaolo ya gagwe e filwe P476 000 mongwe le mongwe.

A re madi a ke P10 million wa madi a ditlhabololo tsa kgaolo ya Tswapong Bokone a a tswang mo pusong.

Rre Maele a re ka kgwedi ya Mopitlo mono ngwaga, o ne a bitsa bokopano jwa gagwe le dikgosi, makhanselara, komiti ya ditlhabololo tsa metse yotlhe ya kgaolo ya Tswapong Bokone go ba itsise fa madi a kgaolo ya bone a bonetse.

“Ke ne ka ba bitsa gore re tle re buisane gore re ya go dira jang ka madi a, mme metse e le lesome le borataro (16) mo go e e masome a mabedi le bongwe (21), ya tlhopha gore P10 million a kgaoganngwe ka go lekalekana,” ga bolela tona.

Tona Maele o tsweletse a supa gore o bone go tshwanetse gore a buise phuthego ya kgotla e le tsela ya go tla go bega one madi a ditlhabololo, le go lebogela tlhopho.

O tsweletse a supa fa go le maleba go tsibosa Batswana ka seemo sa itsholelo, le gore ditirelo dingwe tsa puso di tsile go amega.

“Ditirelo dingwe tsa puso di tsile go nna bonya, mme re na le tsholofelo ya gore seemo se tlaa tokafala ngwaga o ya fifing. Go tseneng ga rona mo pusong, re fitlhetse sekgwama se le makgwakgwa, mme re tsweletse re leka go baakanya,” ga bolela Rre Maele.

O kopile Batswana go nna pelotelele, a supa fa puso e itlamile go tswelela e lekodisa Batswana ka seemo se.

Rre Maele o supile fa a leboga tautona go bo a mo file maikarabelo a lephata la thuto e kgolwane, mme e bile a rotloetsa Batswana go supa kgatlhego mo lephateng le.

Fa a bua ka maikano a a setseng a dirilwe ke puso, Rre Maele a re Batswana ba tswelele ka tsholofelo ya gore puso e ntsha e tlaa ba direla go le gontsi.

‘Bagodi re ba neetse P1 400, e bile re tla goroga kwa go P1 800 fa seemo sa itsholelo se siama,’ ga bolela Rre Maele. O solofeditse fa P300 wa batsetsi le ene a le mo tseleng.

“Botlhe ba ba tshotseng bana go tsweng kgwedi ya Moranang mono ngwaga, ba tsile go neelwa P300 wa bone le madi a a tlaa bong a saletse kwa morago nako e itsholelo e siamang,” ga bua Rre Maele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Majwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jun 2025