Kgosi o rotloetsa tshwaragano le Modimo
22 Jun 2025
Kgosi Lotlaamoreng II wa Baralong a re go tlhoka Modimo gore kgokgontsho ya bong e nyelediwe ka gore batho ba tshelela mo poifong.
Kgosi o buile mafoko a ka Labone kwa Good Hope jaaka go ne go tshwerwe merapelo kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, a tlhalosa gore go simolodisitswe merapelo e kgwedi eno e le lesome le bosupa mme a gwetlha dikereke le ba-na-le seabe ka karetso go tseya karolo.
O kopile borre go itshekatsheka gore ba ka tokafatsa eng, go tsisa kagiso mo malwapeng, mo matshelong le mo lefatsheng, a re ba tshwanetse go tla ka tharabololo gore matsapa di a tsaya kae.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana le bong, Rre Lebonetse Motshweneng o supile fa maikaelo e le go nonotsha popagano le tirisano mmogo ya semowa, go fedisa kgokgontsho, go ruta setshaba ka kgokgontsho le methale ya go e emisa, go fa ba ba amilweng ke kgokgontsho thotloetso gore ba seka ba nna ka boitlhobogo.
Rre Motshweneng o boletse gore maikaelelo a mangwe ke go nonotsha tirisano mmogo mo setshabeng ka tshwaragano le magosi, dikereke, makalana a a ikemetseng, maphata a puso le ba-tsaya karolo botlhe go lwantsha kgokgontsho.
Modulasetilo wa lekgotla la dikereke kwa Pitsane, Moruti France Banantwa o kaile fa kgokgontsho ya bong e ama seriti sa motho, tshireletsego le boitekanelo jwa bomme, bana le borre.
A re tiro ya kereke ke go babalela le go sireletsa ba ba amilweng ke kgokgontsho ya bong le ba ba kgokgontshiwang.
Moruti Banantwa a re Baebele e bua gore letsatsi e seka la tswa la be la phirima motho a ntse a ngaletse yo mongwe, a tlatsa ka gore kereke e batla go bona kgokgontsho e eme ka gore bomolemo ga bo dumalane le mekgwa yotlhe ya kgokgontsho.
A re tiro ya kereke ke go neela ba ba amegileng lefoko la kgothatso, go ba utlwa le go ba rekegela ka go ba rerela efangedi, a tlatsa ka gore kereke e bereka le makalana a a ikemetseng ka nosi, sepodisi, ofisi ya ga molaodi, ba botsogo le setshaba kakaretso gonne wa o esi ga o e le.
Moruti Banantwa a re dilo tse dingwe di nna thata fa motho a nna kgakala le Modimo, ka gore kereke e aga motse o e leng gore mongwe le mongwe o ikutlwa a sireletsegile, a kopa batho go latlha tshakgalo le tenego ka gore di gogela motho gore a leofe.
Rre Kgopolo Motsumi wa mokgatlho wa borre kwa Mokatako, ene a re mo maitekong a bone, ba tlhamile dikomiti tse di akaretsang banana, ka maikaelelo a go tlhodumela malwapa a a kgokgontshitsweng.
O boletse fa dikomiti tse di ba thusa go lemoga ba ba kgokgontshitsweng le ba ba kgokgontshang ka gore batho fa ba tlhaloganya kgokgontsho, ba tlaa tsamaya ba e bua mme mongwe le mongwe a tseye karolo.
Mongwe wa ba tswa setlhabelo sa kgokgontsho ya bong, Rre Joseph Kgosinkwe wa Digawana, a re kgokgontsho ya bong e teng ebile e ntsi, a tlatsa ka gore banna ba dipelo dithata go ikuela mme a ba rotloetsa go tsaya dikgato tse di maleba e seng go bolaya.
A re borre le bone, ba a kgokgontshiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Good Hope
Event : Merapelo kgatlhanong le kgokgontsho
Date : 22 Jun 2025