Breaking News

Kgalemo e ka hema kgokgontsho

22 Jun 2025

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Kenna Odirile a re kgokgontsho ya bong e kukediwa ke gore batsadi ga ba kgaleme bana.

Rre Odirile o buile se ka Labone kwa thapelong kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Bakwena kwa Molepolole. A re borre ba gakolologelwe gore fa Modimo a tlhola legodimo le lefatshe, a bo a tlhola rre le mme, o tlhodile mme e le sejana se se boitshepo.

“Ke sone se o bonang lekwalo la Baefeso 5:22-33 le re, bomme ba ikobele borre ba bone, go bo gotwe, lona borre ratang basadi ba lona. Mme fa re ka lebelela dilo tse di diragalang mo kgaolong ya rona, di simolola kwa malwapeng, ka fa re godisang bana ka teng, ka fa bana ba bonang e re fa ke tsena ke fitlhela mmaabone a sa apaya ke bo ke tla ke le bogale ka teng,” Rre Odirile a supa.

A re ngwana wa mosimane o tsaya gore ke tshwanelo gore ka moso e re a neetswe boikarabelo jwa lelwapa a bo a le tsamaisa jaaka a bone le tsamaisiwa kwa gaabo.

Rre Odirile rotloetditse borre gore ba lebelele ka fa ba tshelang ka teng le bomme ba bone ka gore botshelo jone joo, ke seipone sa botshelo jo ngwana wa mosimane kgotsa mosetsana a yang go tsaya gore o tshwanetse go tshela jalo. 

O kopile banni go aga malwapa ka matsetseleko, a gatelela gore fa lelwapa le tiile, tiro ya ga kgosi e nna motlhofo ka gore ga a na go tlhola a nnetse ditsheko, o tlaa dira dititro tse di ka thusang gore motse o gatelepele.

Moruti wa UCCSA kwa kgotleng ya Boribamo, Mme Goitseone Tsintsabe o ne a gomotsa morafe ka lekwalo la Dipesalama 121 le reng, thuso yaaka e tlaa tswa kwa go Jehofa, ka jalo a rotloetsa morafe go tsepama mo thapelong gore mautlwelobotlhoko a Modimo a ba golole mo bokgobeng jwa kgokgontsho.

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Shima Monageng o kopile banni ba Molepolole go ikanya thapelo gore motse wa bone o tlhatswege leina ka jaana o tumile ka dikgang tsa bosetlhogo go tsweng goo-Lowe le mo bogompienong.

Rre Monageng a re ditiragalo tsa kgokgontsho di gogobisa serite sa motse fa fatshe mo batho ba metse e mengwe ba setseng ba boifa go tsalana le ba Molepolole.

“Jaanong kgokgontsho e e kanakana mo lekwalong lwa Genesi 9:6-7 e supa gore yo o bolayang ka tshaka le ene a bolawe. Fa temana e rialo mo tumelong ya Sekeresete, ga re reye gore go bolawe ene mmolai, e  raya gore a go bolawe mowa wa polao o o mo gatlhametseng. A mowa o o mo go ene, e ka tswa e le wa go kgokgontsha, wa go thubetsa kgotsa wa boraboko o bolawe ka thapelo,” Rre Monageng a tlhalosa.

Mopalamente o ganne mokgwa wa gore fa bakapelo ba bolaana go bo gotwe ke polaano ya lorato.

“Ga go na selo se go tweng polaano ya lorato. Lorato ke selo se e leng gore o tshwanetse wa se tshwara sentle, ka jalo, fa bakapelo ba bolaana ga gona lorato mo teng. Mongwe le mongwe yo o bolayang yo mongwe o abo a gatlhametswe ke mowa wa kilo, mowa wa tenego. Jaanong, a re rapeleng, re rataneng, e re fa o leba motho yo mongwe o bo o re, yo ke motho yo dirilweng mo setshwanong sa Morena Jeso,” Rre Monageng a kgothatsa.

A re ga a dumele gore a motho e ka re a tsogile a rapetse kwa pheletsong a bo a bolaya yo mongwe, a gatelela ka gore matsapa di a tsaya mo goreng batho ga ba rapele.

O kopile dikereke go rotloetsa batho go rapela ka gore fa mongwe le mongwe mo lefatsheng fa e kare a tsoga a bo a rapela, mowa wa kgokgontsho o ka nyelela jaaka dinaledi masa a sa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Thapelo kgatlhanong le kgokgontsho

Date : 22 Jun 2025