Breaking News

Borre kwa ba Kalakamati ba abelana maele

19 Jun 2025

Borre ba Kalakamati, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba gakolotswe go itse fa e le dipilara tsa malwapa a bone, motse le lefatshe ka bophara mme ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo jotlhe jo bo solofetsweng mo go bone.

Kgakololo e, e dule kwa bokopanong jwa borre, jo moono mogolo e neng e le go iphutha metlhala le go buisana ka dikgang tse di ba amang.

Bokopano joo, bo ne bo rulagantswe ke motlhami wa mokgatlho o o bidiwang Mokwatla wa Bomme gape e le monni wa motse, Mme Gosego Mmolawa kgwedi eno e le lesome le bone.

Dibui di tlhalositse fa borre ba amiwa ke kgokgontsho, mme ba sa nke ba ikuela, ba tshaba go tshegwa, se se bake gore ba tlale tshakgalo e e kgonang go ba gogela mo thaelong ya go dira tse di sa siamang. Kgosi Johane Rakumako wa Pilikwe o gakolotse borre go leka ka bojotlhe go sireletsa setho sa bone, malwapa le metse ya bone.

A re go nna rre, ga se go tlamela lelwapa ka dijo fela, go raya le go tsaya boikarabelo jwa go aga le go ruta bana go tsamaya mo tseleng ya tshiamo. Kgosi Rakumako a re borre ba itshekatsheke, go tlhomamisa gore ba sala morago tsamaiso e e siameng ya go rarabolola mathata a ba iphitlhelang ba le mo go one, mme a kopa batsadi go seke ba akaretsa bana mo dikgogakgoganong tsa bone.

O boletse fa go swa senku ke borre go tlhotlheletsa dikgang tsa kgokgontsho, ka jalo a ba gakolola go latlha ngwao ya gore borre ga ba lele, a supa fa go ntsha se se mo mafatlheng e le molemo.

O bile a ba gakolola gore fa ba na le mathata mo malwapeng, ba a lebise bangwe ba ba ka ba thusang go a rarabolola go na le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba, a tlatsa ka gore ba leke ka bojotlhe go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng. Kgosi a re go dira jalo go ka thusa go ntshafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme ba simolola go nna le kelelelo mo dikgatong dingwe le dingwe tsa bone.

Kgosi Rakumako o ne a bo a ba kopa go tsibogela botsogo jwa bone ka go nna ba itlhatlhobela malwetse ka go farologana, a supa fa go sa dira jalo go le borai, ka jaana malwetse mangwe a itshupa mo mothong a setse a godile, a le dingalo go alafesega. Kgosi o ne a leboga borre ba Kalakamati go bo ba ne ba tsibogetse bokopano joo ka dipalo tse di nametsang, a bo a rolela hutshe barulaganyi ba jone.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya bong, Mme Onneile Tauyatswala a re go le gantsi fa go buiwa ka kgokgontsho, menwana e supa borre le ntswa le bone e le ba-tswa setlhabelo, ka jalo a supa botlhokwa jwa gore go nne le makalana a borre (Men Sector) mo metseng gore ba kgone go buisana le go kgalemelana ka dikgang tse di ba amang. Mme Tauyatswala a re kgaolo ya Bokone Botlhaba ke nngwe ya tse di di gogang kwa pele mo dikgannyeng tsa tiriso bana botlhaswa. O tsweletse a supa fa go ngomola pelo go bona rre a ipokela go bo a le mmapodi mo dilong tse di sa siamang, a re borre ba tshwanetse ba bonwa ba ikitaya dihuba go bo e le bannatia, ba ba sa direng tse di fapogileng mo tseleng.

Mme Mmolawa o supile fa maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go neela borre sebaka sa go tla go thulanya ditlhogo ka dikgang tsa bone le go tla go ipela mmogo. ENDS

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Kalakamati

Event : Bokopano

Date : 19 Jun 2025