Ga ba itumedisiwe ke go thapiwa ga batswakwa
19 Jun 2025
Banni ba Selebi Phikwe ba re ga ba itumedisiwe ke go thapiwa ga batswakwa mo tshimong ya dinamune ya Selebi Phikwe Citrus Project.
Banni ba supile se morago ga gore mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima, Rre Reuben Kaizer a ba rurifaletse fa go le boammaaruri go na le bangwe ba letso la Zimbabwe ba ba thapilweng kwa tshimong eo.
Rre Kaizer o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Kopano Recreation Centre ka Labobedi.
O tlhalositse fa a ne a ipha sebaka sa go ya go kopana le boeteledipele jwa Selebi Phikwe citrus mme ba mo tlhalosetsa fa go le boammaaruri go na le batho ba letso la Zimbabwe ba le masome a marataro le borataro ba ba setseng ba thapilwe.
Rre Kaizer o ne a tswelela ka go tlhalosa fa babereki bao, ba na le dipampiri tsotlhe tse di maleba tse di ba letlelelang go bereka mo lefatsheng mme a kaya fa go solofetswe ba bangwe go goroga.
O supile fa go solofetswe gore palo ya batswakwa e oketsege go tswa mo go masome a marataro le borataro go ya ko go lekgolo le masome a matlhano.
Le fa go ntse jalo, o kaile fa se, se sa ba itumedise e le baeteledipele ba morafe ka banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba ne ba solofetse go le gontsi fa tshingwana e e dirwa, jaaka go bona bana ba bone ba nna le ditiro mme se se ngomolang pelo ditiro di neelwa batswakwa.
O tlhalositse fa a tlaa tswelela a batla dikarabo tsa go itse gore go tsile jang gore go bo go thapilwe batswakwa le ntswa go na le bana ba bantsi ba ba gobeyang mo mebileng ba sena ditiro.
O ne a kopa morafe go nona dipelo ka mathe, mme a ba solofetsa fa e tlaa re mo malatsing a a seng kgakala, a ikopanye le tona wa tsa pereko go batla tharabololo ya dikgang tse mme e re morago a ba tsisetse dikarabo.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa banni Rre Abale Ketsitlile o ne a ikuela mo go mopalamente a tlhalosa fa mokgwa wa go kgaoganya banyalani o sa siama ka o rotloetsa botlhoka tsebe le go baka dikgotlhang mo malwapeng.
Rre Ketsitlile o ne a tlhalosa fa lelwapa e le motheo wa kgodiso ya bana. A re bana ba tlhoka batsadi ka bobedi go ba godisa.
O ne a kopa ba ba tshwanetseng go sekaseka kgang e pele ba kgaoganya banyalani ka go ka fokotsa go thubega ga malwapa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2025