Mopalamente o akgola badiri ba botsogo
19 Jun 2025
Mopalamente wa toropo ya Selebi Phikwe Bophirima, Rre Reuben Kaizer o akgoletse badiri ba botsogo kwa kokelong le dikokelwana tsa toropo ya Selebi Phikwe go dira ka natla go ntsha ditirelo tsa botosogo.
Rre Kaizer o ba akgotse jalo ka Laboraro mo phuthegong ya kgotla kwa Selebi Phikwe mo kgotleng ya Kagiso.
A re le fa dikokelo le dikokelwana lefatshe ka bophara di lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa tsa botlhokwa le melemo gareng ga tse dingwe, mme go a itumedisa go bona badiri ba tshwere ka natla e bile ba thusa balwetse ka botswa pelo.
Rre Kaizer a re morago ga go etela makalana a botsogo ka go farologana mo toropong, o itemogetse fa letlhoko la didirisiwa le sa kgoba badiri marapo, sengwe se a supileng se kgatlhisa e bile se supa fa bangwe badiri ba botsogo ba baya botsogo jwa Batswana kwa pele ga sengwe le sengwe.
Rre Kaizer o supile fa puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, mme fela a supa gore maiteko a go gorosa ditlamelo tsa botlhokwa kwa Batswaneng a tlaa nna a diragadiwa.
A re e re ntswa lefatshe le itemogela tlhaelo ya melemo mengwe, go botlhokwa gore maiteko a go gorosa melemo ya malwetse a a sa tshelanweng a dirwe go bo go bonale tema.
Rre Kaizer o bile a tlhalosa fa tlhaelo ya madi e tlaa baka gore dingwe ditlhabololo tse di solofetsweng go ka diragadiwa mo ngwageng ono wa madi di salele morago. Le fa go ntse jalo, a re puso e dira ka gotlhe go tswakanya le go godisa itsholelo.
A re maikaelelo ke go fa Batswana ba ba nang le bokgoni sebaka sa go nna le seabe mo maitekong a go aga, go godisa le go tswakanya itsholelo.
Mo dikakgelong, Rre Wada Tachila o ne a atla mogopolo wa gore puso e batla go fa Batswana ba ba nang le bokgoni sebaka sa go nna le seabe mo maitekong a go aga, go godisa le go tswakanya itsholelo, mme a gakolola gore melawana kgotsa ditsamaiso di dirwe bonolo go ba kgontsha go tswelela.
Phuthego e ngongoregile ka diphaephe tsa metsi tse di thubegang kgapetsakgapetsa mo toropong, ba re di oka dikgomo, tse e reng di enwa di bo di dira sekgobokgobo.
Ngongora e nngwe e nnile gore batho le bone ba nosetsa dijalo ka one metsi a a dutlang, selo se se ba rotloetsang go senyetsa kwa pele ba oketsa maroba fa metsi a sa tswe ka selekanyo se ba se batlang. ENDS
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2025